Bangwato

Go tswa ko Wikipedia

Bangwato ke morafe wa Botswana o o agileng mo bogareng jwa lefatshe. Morafe o o fitlhelwa thata mo motsaneng mogolo wa Serowe, le mo metsana e menngwe e bapileng le Serowe mofafe o o tleng, metsana e tshwana le wa Palapye, Shoshong le e menngwe. Morafe o o akaretswa mo merafe e metona ya lefatshe la Botswana. Ba itsiwe ka gore sereto sa bone ke Phuthi le kwena. Go le ga ntsi go itsiwe fa bangwato e le one morafe o kileng wa bo o busa merafe e mengwe e fitlhelwang mo kgaolong e ya legare, jaaka Bakalanga, Basarwa, Batswapong le e mengwe. Bangwato ke bone ba simolotseng kgaolo ya le gare, ka ngwana wa 1902, ba thibelela mo motseng wa Serowe. Bogosi jwa morafe o bo a amogesanwa, ebile bo akaraditswe mo go tse di lesome le botlhano jwa Ntlo ya dikgosi.[1]

Morafe wa o bua teme e kgatlhang ka go dirisa f le s mo go farologanang le merafe e menngwe, Tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana Rre Seretse Kgama e ne e le motho wa letso la sengwato, le ene o busang mo bo gompienong Rre Ian Seretse Kgama ke mongwato. Tota motho o kare Lefatshe la Botswana le bositswe ke bo taotona ba le banne,ba botlhe e leng Bangwato.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Botswana Ethnic Groups". Study.com (in Sekgoa). Retrieved 2020-05-25.