Barokologadi ba Ga Maotwe

Go tswa ko Wikipedia

Barokologadi ba Ga Maotwe ke morafe wa batswana ba ba nnang mo bokone botlhaba jwa Aforika Borwa Bane ba kgaogana le morafe wa bapedi 'Bapedi' mme ba batla boagedi kwa morafeng wa Bakgatla Ba Kgafela.

Bane ba nna kwa motseng wa Lengwana , mme ba felela ba thibeletse mo motsebg wa Mankgopi gaufi le Ramotswa mo Botswana# Go tsweng ga bone kwa Mankgopi bane ba thibelela kwa Melorane e jaanong e leng lefelo la tlhokomelo diphologolo la Madikwe mo Aferika Borwa.

Ka ngwaga wa 1950 khudugo e nngwe ene ya nna teng Barologadi ba Ga Maotwe bane ba latedisa khudugo e fa bane ba patelediwa go foduga mo Melorane goya Misgund,fa ba bangwe bane baya De Brak.

Ka ngwaga wa 1958 gotswa mo Misgund bane ba fudugela ko Pitsedisulejang yo jaanong e leng motse yo mogolo wa Barokologadi fa morafe yo mongwe one wa phuthegela kwa De Brak, Maretlwana, Sesobe, Nkaipaa, Ramotlhajwe Ramokgolela, Magong le Obakeng.

Yo o santseng ele Kgosi Kgosi Thari Maotoe ke ene yo a santseng ele kgosi ya Barokolokgadike.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]