Bogadi

Go tswa ko Wikipedia

Bogadi ke tebogo e e fiwang boora mosetsana gotswa koo rramosimane pele ga bobedi bo tsena mo nyalong. Mo ngwaong ya setswana,tsamaiso ya bogadi e farologanye. Gona le tsamaiso e ka yone bogadi bo nang le leelo, sekai, ka ngwao ya sengwaketse bogadi ke kgomo tsen robang bodedi, le nku e le ngwe e e bitswang mokwele kana lengwaelo.Seelo sa bogadi se bewa ke boora mosetswana.[1]

Bogadi bo farologana le tsamaiso ya tlwaelo ya go duela ka madi. Ka gore mo tuelong ya madi boorra monna yo nyalang ba duela madi ko go boorra mosadi yoo nyalwang, bogadi ke fa botsadi jwa mosadi yo nyalwang bo neela botsadi jwa monna yo o nyalang dimpho ele ka ntlha ya mosadi yo o nyalwang. Mme le fa go tshwana bogadi ke dilwana tse di ntshiwang ke monna yo nyalang a di ntshetsa mosadi yo a mo nyalang ka nako ya lenyalo, tse di salang dile mo taolong ya ene mosadi yoo nyalwang.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Bogadi is not given to thank the bride’s family Retrieved date: 26.10.2022