Boipelo jwa Boipuso jwa lefatshe la Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Unreferenced stub

Boipelo jwa Boipuso jwa lefatshe la Botswana (BIP) e ne e le boipelo wa sepolotiki mo Botswana jo bo saleng bo simolotse ka ngwaga wa 1964 go ya go fitlha ka ngwaga wa 1994.

BIP e simolotswe ka 1964 ke batho ba e kileng ya bo e le maloko a Botswana People's Party (BPP) mme gape bo eteletswe pele ke Motsamai Mpho.

Mo nakong ya fa e santse e le teng ,BIP e ne e diragatsa ditiro tsa diphuthego tsa kganetso. Phuthego e e tseneletse ditlhopho tse di botlhano tsa dingwaga tsa (1969, 1974, 1979, 1984, le 1989), mme ya kgona go nna le boemed kwa khudutlhamageng fela ga bedimo ngwageng wa (1969 le 1974), e ntse e fenya ditlilo tse pedi fela.

Kangwaga wa 1994, BIP e ne ya kopana le Botswana Freedom Party (BFP) go aga Independence Freedom Party (IFP) ka botsamaisi jwa Motsamai Mpho. Phuthego ya IFP ya fenya boraro mo lekgolong mo ditlhophong tsa Phalane a tlhola lesome le botlhano ngwaga wa 1994 mme ba seka ba kgona go bona boemedi kwa khudutlhamageng. Moragonyana,fa IFP e itlama go tswa.

Batswana ba ipaakanyetsa go keteka boipuso[fetola | Fetola Motswedi]

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye mmaetsho Baareng Raphane, a re puso e abetse banni ba motse oo P53,890 e le madi a a tlaa dirisiwang go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa dingwaga di le masome a mane le botlhano.O boleletse motswedi wa dikgang wa BOPA mo potsolotsong, gore madi ao a tlaa kgaoganngwa ka dikgotlana di le masome a mabedi le bone tsa motse wa Mahalapye, mme a re o ka leboga go menagane fa morafe o ka nna le seabe mo tirong ya letsatsi leo ka jaana e le letsatsi le Batswana ba tshwanetseng go ipelafatsa ka lone.A re Batswana ba tshwanetse go tsaya letsatsi leo ka matsetseleko ka e le letsatsi le lefatshe la Botswana le boneng kgololesego ka lone mo mmusong wa ga Mmamosadinyana. Mme Raphane o kopile baeteledipele ba morafe jaaka dikgosi, magosana, makhanselara le badirelapuso go nna le seabe mo paakanyetsong boipuso. Mme Raphane a re e re ka motse wa Mahalapye o agetswe ke merafe e tshwana le Baherero, Baxhosa, Bangwato, Batswapong, Bakgalagadi, Basarwa, Bakalaka le Batalaote o ka nametsega pelo fa morafe mongwe le mongwe o ka apara kapari ya segabone le go supa ditso le dingwao tsa bone ka letsatsi leo go itumelela boipuso, jo lefatshe leno le bo boneng ka ngwaga wa 1966.

A re e re ntswa malatsi a boipuso a setse a atametse, o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba ba tlhophilweng mo komiting ya boipuso ga ba tsene diphuthego tsa komiti ka tlhamalalo, mme a re seo ke sone se se kgoreletsang morafe go ya kwa kgotleng ka bontsi ka letsatsi la boipuso.Mme Raphane a re e re ntswa ba dumelane gore kgotlana nngwe le nngwe e ntshetse meletlo ya letsatsi la boipuso P100.00, o swabisiwa ke gore le gompieno dikgotlana tseo ga di ise di kgone go ntsha madi ao le mororo go setse malatsi a le lesome le botlhano gore go ketikiwe boipuso.E tlaa re kgwedi eno e le masome a mabedi le bone go tshwarwe dikgaisano tsa mmabontle kwa holong ya setshaba le e leng lone le tlaa nnang khumagadi ya letsatsi leo.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana

Tempolete:Botswana-party-stub