Bokaa

Go tswa ko Wikipedia
Bokaa
Bokaa is located in Botswana
Bokaa
Bokaa
Location in Botswana
Coordinates: 24°25′35″S 26°1′0″E / 24.42639°S 26.01667°E / -24.42639; 26.01667
Country Botswana
DistrictKgatleng District
Government
Palo batho
 (2011)
 • Total5,765

Bokaa ke motse o mo kgaolong ya Kgatleng mo Botswana. Motsana yo, o dikilomea tse di masome a mabedi mo Borwa Bophirima jwa kgaolo ya Mochudi mme ebile palo ya batho mo motseng ka ngwaga wa 2001 ene ele dikete tse tharo,makgolo a borobabobedi le lesome le bobedi.[1] Motsana o o itsege thata ka dithaba tse di dikaganeyeditseng mo ntheng tsotlhe, o sekgele sa 24km go tswa Bokone Botlhaba jwa toropokgolo Gaborone mo tseleng ya A1. Kgosi ya motsana o ke Rre Mosinyi.

Bokaa Gompieno[fetola | Fetola Motswedi]

Bokaa ke motse o golang fela ebile ka o atamelana le metsana e mengwe e tswana Mochudi, Mmopane, Pilane le emengwe fela jalo. Bontsi jwa banni ba motse o ba dirisa marekisetso a kwa Mochudi kgotsa ba reka kwa toropokgolo Gaborone ka ebile ba se kgakala thata le mafelo a. Bangwe ba bone ba tsoga ba tswa mo legaeng le go tla ditirong kwa Gaborone le go akola ditlamelo tsa bone. Le fa Bokaa a busiwa ke Kgosi, go nale baeteledipele ba ba mo dikgaolwaneng go emela diphathi tsa sepoloti le go thusa go tsweledisa ditirelo tsa motse ka go farologana[2].

Ditso tsa Bokaa[fetola | Fetola Motswedi]

Bokaa o ka fa tlase ga motse wa Mochudi ka go rialo o okametswe ke khansele ya Kgatleng. Banni ba motsana o ba kaiwa fa e le Bakgatla ba ga Mmanana ka gore merafe e e mo dikgaolong tse di mabapi le motse wa Mochudi ba nale moono o mongwefela wa segosi. Fa re bua ka kgaolo ya Kgatleng, re bua ka metsana e akaretsa Mochudi, Pilane, Bokaa, Malotwana and Rasesa. Go tlhalosiwa fa ditlhabolo di akaretsa metsana e e mabapi le yone [3].

Ditirelo tsa Temo Thuo[fetola | Fetola Motswedi]

Balemi ba Bokaa ba dirisa temo ya segompieno gore ba tle ba bone dipoelo tse di bonalang bogolo jang ba ba rekisang temo tsa bone. Mo motsaneng go nale molemisi a le mongwefela mme a okametswe ke yo mogolwane kwa Mochudi.Balimi ba motse o go tlhaloswa fa ba tsaya temo thuo ka tlhwaafalo mme ebile ba itlhaloganynang ka gore temo ya bone e ntsha maduo a nametsang. Balemi ba kgotlhaditswe go lema ka motlhale wa go dirisa ditselana ka go busetsa go na le go gasa ka seatla mo go bakang motlele le tshenyo ya peo e bile thobo e nna kwa tlatse. "Gore molemi a bone thobo sentle o tshwanetse a nna kwa masimo go tlhokomela tshimo le go tlhagola gore dijalo di gole sentle" Mme Mariri o ne a tswa la gagwe fa a buisa balemisi kwa Bokaa ka letsatsi la Balemi [4].

Puso e simolodisitse lenaneo la ISPAAD le le thusang balemi ba ba tlhoafaletseng temo e bile ba itlamile go boelwa.Temo ke yone e jesang lefatshe leno ka thobo mme le banni ba Bokaa ba lemela go jesa ba malwapa a bone, go supiwa fa go sa tshwanela gore go nne le tlhaelo ya dijo mo Botswana ka puso e dirile mananeo a a lebaganeng balemi.A re balemi ba le 568 ba kgonne go lema ditema di le 1 669 mme go supa sentle gore fa e ne e se diji le mhero le dikgomo, ba ka bo ba bone thobo e e gaisang. Le fa banni ba Bokaa ba itsiwe thata ka temo thuo, bangwe barui ga ba tlhokomele leruo la bone bogolong jang dikgomo le ditonki ka e le tsone di senyetsang batho mo masimong[5].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-08.
  2. https://www.tripmondo.com/botswana/botswana-general/pilane/
  3. "Archive copy". Archived from the original on 2016-03-19. Retrieved 2014-08-01.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)
  4. http://www.dailynews.gov.bw/news-details.php?nid=11578
  5. http://www.dailynews.gov.bw/news-details.php?nid=11578