Bonwapitse

Go tswa ko Wikipedia
Bonwapitse
Bonwapitse is located in Botswana
Bonwapitse
Bonwapitse (Botswana)
Kgaolo
Legare
Setshaba
544(2001)

Bonwapitse ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o dikhilomitara dile masome mabedi kwa bokone bophirima jwa Mahalapye, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a matlhano ,masome a mane le bone.[1]

Bogosi jwa motse wa Bonwapitse[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba kgotla ya Ditlharapa kwa Bonwapitse ba re Kgosi Kebaletile Moilwa, jaanong a sutele ngwana wa bone mo setilong sa bogosi ka a setse a lekane go nna mo setilong sa gagwe.Batho ba Ditlharapa ba buile jalo mo phuthegong e ba neng ba e kopanetse le kgosi ya Mahalapye Rre Tsoebebe Segotsi, morago ga taelo e e neng e tswa kwa go ba bogosi kwa Serowe.Batho bao, ba ba neng ba akaretsa Rre Gojamang Koma, Rre Keikgopotse Raditse, Rre Selela Tshegang le Mme Leeme Tshegang, ba re e re ka Rre Tlotswana Tshegang, a lekane go tsaya bogosi jwa gagwe, ba kopa gore Rre Moilwa yo e ntseng e le kgosi ya Bonwapitse, a sute mo setilong.Batho rile e re ka ba tswa kgakala ba bua ka bogosi jwa bone, mme go se nko epe e tswang lemina, ke sone se ba neng ba isa kgang ya bone kwa Serowe kwa e rileng ba goroga teng ba kopana le mothusa motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Tlholego Seretse, yo a neng a laela gore e le ba lelwapa la bogosi kwa Bonwapitse ba kopane go tlhopha leina la motho yo e ka nnang kgosi ya bone.Ba re ditso di supa fa Rre Tlotswana Tshegang, e le ene a tshwanetsweng ke bogosi jwa Bonwapitse ka jaana rraagwe e bong Tshegang Setamere, a beilwe mo setilong sa bogosi jwa Bonwapitse ke Rre Sephekolo Tshukudu.

E rile Kgosi Moilwa a tswa la gagwe, a kopa ba Ditlharapa go tsaya kgang eo ka matsetseleko ka jaana a neetswe bogosi joo ke morafe wa Bonwapitse ka ditlhopho tsa 1989, mme ya re morago ka 1990 a tlhomamisiwa ka fa molaong ke Kgosi Sediegeng Kgamane.Kgosi Moilwa o rile ka nako ya batho ba Bonwapitse ba mo neela setilo sa bogosi ga go ise go nne le ope yo a neng a mo lebisa mafoko a gore o tshwarelela mongwe, mme ka jalo a bolela fa e sa ntse e le kgosi ya bone go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi kana a ntshiwa ke ba bogosi kwa Serowe.Rre Segotsi o rile le fa ba kopa gore bogosi bo neelwe Rre Tshegang, ba tshwanetse go lemoga gore e le banni ba Bonwapitse, ke bone ba tlhophileng Rre Moilwa go nna kgosi ya bone.O kopile botlhe ba ba amegang mo kgannyeng eo, go balelwa Kgosi Moilwa, Rre Tshegang le batho ba kgotla ya Ditlharapa, go dirisanya mmogo le go emisa go bua ka kgang ya bogosi go fitlhelela ba bogosi kwa Serowe ba rarabolola kgang eo ka botswerere.

Banni ba kopiwa go tlotlo kgosi[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye o kopile banni ba Bonwapitse, go dirisana sentle le kgosi ya bone gore ba kgone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone mmogo.Rre Segotsi o ntshitse mafoko a mo moletlong o mo go one morafe wa Bonwapitse, o neng o ipelela go tlhongwa ga ga Rre Totswana Tshegang mo setilong sa bogosi jwa motse oo.A re motse wa bone o ka gatela pele mo ditlhabololong fela fa go na le tirisano fa gare ga bone le kgosi e bile ba abelana megopolo le dikomiti di tshwana le ya ditlhabololo tsa motse, twantsho borukutlhi, botsogo le ya badirelapuso.Kgosi Segotsi o tsweletse ka go kopa Rre Tshegang go nyala gore a kgone go nna le bana ba e ka reng sehularong sa gagwe, ba mo tlhatlhama mo setilong sa bogosi, go hema dikgang tsa go lwela bogosi jaaka go direga mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno.A re e le ba bogosi le lephata la dikgaolo ba tlhokisiwa boroko ke dikgang tse di a golelang pele tsa go lwela bogosi mo kgaolong ya Ga-Mmangwato, mme a re seo se bakwa ke go tlhoka go itlhaloganya ka fa bana ba lelwapa la bogosi ba tlhomaganang ka teng.E rile kgosi Loomatsoga Gaogane wa Mmutlane a tswa la gagwe, a bolela fa kgosi e le thotobolo ya matlakala, ka jalo a kopa Rre Tshegang go tshwara morafe wa gagwe ka tekatekano le go ikgapha mo go mpampetseng fa a reeditse ditsheko le go emisa go itshunya nko mo dipolotiking ka jaana e le modirelapuso.

E rile Kgosi Gaogane a itebagantse le morafe wa Bonwapitse a ba kgothatsa go tlhwaafalela ditlhabololo tsa motse wa bone boemong jwa go diiwa ke ditshele tse a reng di ka busetsa motse wa bone kwa morago.Mokhanselara wa kgaolwana eo Rre Magogodi Phatalalo, ene o ne a kopa banni ba Bonwapitse go tsena diphuthego tsa kgotla ka e le tsone tse ba ka lekodisiwang ka ditsamaiso tsa puso mo go tsone le go lekodisiwa ka ditlhabololo tse di dirwang mo motseng wa bone.E rile Rre Tshegang a tswa la gagwe, a tlhomamisetsa morafe fa a tlaa dirisana le bone ka dinako tsotlhe, mme a re o tshwenngwa ke ka fa ditsha di bewang ka teng mo motseng wa gagwe.Moletlo o ne wa natefisiwa ka maboko le moopelo wa dikhwaere ka baithuti ba sekole se sebotlana sa motse oo le khwaere ya Diphalana go tswa kwa Palla-Road.

Ditlhabololo[fetola | Fetola Motswedi]

E re ntswa toropo ya Mahalapye e tlwaelesegileng ka leina la diponeng e le engwe ya ditoropo tsa ntlha go nna le motlakase, go lebega o ne wa se ka wa nna le ditlhabololo tse ditona morago ga diofisi tsa diterena mo nakong e e fetileng.Go lebega ditlhabololo di ne tsa se ka tsa tla ka bonako mo motseng oo mme tsa tsaya lebaka go tla ntswa e le motse o mogologolo.Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye ene a re o dumela gore ga se gore ditlhabololo di diegile fela tsamaiso ya ditlhabololo tsa setshaba ke yone e ka diang ditlhabololo go ya kwa metseng ka go farologana.A re ditlhabololo le tsone di a farologana go ya ka gore batho ba ba nnang mo lefelong leo ba tlhoka eng.E rile bosheng ditlhabololo tsa simolola go ya kwa Mahalapye ka monokela mme motse wa simolola go bonala gore o tlaa nna le ditlhabololo.

Mahalapye o ne a agelwa kokelo e tona e e tlaa thusang metse e e mabapi mme a salwa morago fela bosheng jaana ke matlo a masha a Botswana Housing Corporation.Tse diterelo di thusa banni ba metsana e e gaufi le toropo e,jaaka wa Bonwapitse,Radisele,Machaneng le emengwe.E re matlo a ntse a tsweletse a agiwa, mothusa Tautona Lt Gen Mompati Merafhe a ya go simolodisa semmuso kago ya otele ya Cresta e e yang go nna le matlo a le masome a marataro le botlhano.Kgosi Tshipe a re se ke selo se se itumedisang tota ka jaana motse jaanong o simolola go nna le ditlhabologo tse dikgolwane.A re diofisi tsa mapodisi tse di tlogang di fela di neetse motse wa Mahalapye seriti ka jaanong e bile motse oo o tlile go okamela diofisi tse dingwe tsa sepodisi.Go setse go na le menahune ya gore go tlaa nna gape le marekisetso a masha a a tlaa yang go agiwa kwa Mahalapye.Motse le one o setse o godile ka bosheng jaana go sa tswa go bewa Flowertown wa bobedi mme tseo ke dingwe tse di tlaa tlisang ditlhabololo.Kgosi Tshipe a re e re ntswa motse wa Palapye o setse o feta wa Mahalapye ka ditlhabololo, seo se bakilwe ke gore go agiwe mmadikolo wa maranyane teng mme bagwebi ka bontsi ba nna le kgatlhego ya go simolodisa dikgwebo ba lebile batho ba ba yang go nna teng. A re go na le madirelo a a runyang kwa Palapye jaaka a go dirwa ga galase mme seo ke lenaneo la puso gore Mahalapye le ene a tle a tlhabologe.Tshipe a re kwa Lose go dirwa semente mme seo ke nngwe ya ditlhabololo tse di godisang motse wa Mahalapye.A re go tshwanetse ga elwa tlhoko gore ditlhabololo tse di tlang di tlaa thapa banana ba motse wa Mahalapye e seng fela go tlisa dikago tse di sa busetseng batho wa motse sepe.O ne gape a re a ditlhabololo le tsone di na le dikgwetlho tsa tsone jaaka borukhutlhi jwa maemo a a kwa godimo mme seo go ka thusa batho ba dirisana le mapodisi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-13.

Coordinates: 23°2′21″S 26°38′41″E / 23.03917°S 26.64472°E / -23.03917; 26.64472