Botswana TV

Go tswa ko Wikipedia

Botswana TV ke segasa ditshwantsho tsa motshikinyego sa Lefatshe la Botswana mo borwa jwa Aferika. Di ofisi tsa segasa ditshwantsho di mo toropokgolo Gaborone, tse di bidiwang gotlwe "Mass Media Complex". Diofisi tse di dira ka bojotlhe gore batho ba bone thuso yotlhe e ba e thokang e amana le go gasa ditshwantsho. E nale mananeo a a rutang batho ka tsa botshelo, bontsi jwa one ke a mo gae mme a mangwe a bo a rekilwe go tsweng kwa mafatsheng a a mabapi le one tota a a kwa kgakala[1].

Palo ya mananeo ka go farologana[fetola | Fetola Motswedi]

Malatsi Nako Maina a mananeo
Mosupologo 11h00-12h30 Mantlwaneng
Labobedi 11h00-12h30 Real genius (movie)
Laboraro 13h00-18h00 Kgwele ya Dinao
Labone 20h30-21h30 Molemo wa kgang

Sekai sa Dikgang tsa BTV[fetola | Fetola Motswedi]

Kompone ya motlakase ya Botswana Power Corporation e tshephisa Batswana go tla go lebelela metshameko ya sejana sa "African Cup of Nations" e e tlaa simololang mo bogautshwaneng go sena dikgoreletsi dipe tsa go kgaoga ga motlakase.

Kgang e e tlhomamisitswe ke moanamisa mafoko wa kompone eo Rre Spencer Moreri mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA ka Labotlhano. O buile jalo morago ga gore barati le barotloetsi ba kgwele ya dinao ba tshwenyege ka letlhoko la motlakase le le apereng lefatshe leno ka bophara. Go kgaoga mo ga motlakase ga go jese barati ba kgwele ya dinao diwelang ka ba tshoga gore e ka nna ya re ka nako ya gore ba bogele metshameko e mo thelebisheneng seemo sa kgaoga ya motlakase se bo se ise se tokafale.[2]

Rre Moreri o tlhalositse fa tlhaelo e ya motlakase lefatshe ka bophara e bakilwe ke gore go santse go baakanngwa madirelo a motlakase a Morupule le a Orapa. A re mo nakog eno ba ikaegile ka dikompone tse e leng tsone tse dikgolo tsa motlakase, jaaka ya Eskom ya Aferika Borwa. O boletse fa kompone e e setse e sa kgone go ntsha motlakase o o lekaneng kwa ga yone. E re dikgang di eme jalo, Rre Moreri o ne a ikuela mo setshabeng ka kakaretso go dirisa selekanyo sa motlakase se se leng teng ka tshomarelo ka go tima didirisiwa tsa motlakase tse di sa tlhokafaleng.[3]

A re letlhoko la motlakase le tlaa tswelela le le teng le fa seemo se ka tokafala, ka jalo a gakolola gore go timiwe didirisiwa tsa motlakase nako nngwe le nngwe fa motlakase o kgaogile go di babalela. O tlhalositse fa go tle go nne le kgaogo ya motlakase ka dinako tse go sa solofelwang. A re go bakwa ke mathata a mafaratlhatlha a a anamisang motlakase, mme a kopa setshaba go begela ba ofisi e e gaufi fa go nna le bothata jo. Rre Moreri o weditse ka gore le bone ba tshwenyegile e bile maiteko a tsweletse go busetsa seemo mo taolong. O kopile setshaba segolo bogolo bagwebi go nna le mowa wa go tlhaloganya seru se se wetseng lefatshe leno.[4]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Television

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]