Kapei mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Botswana cuisine)

Dijo tsa Botswana di faphegile, mme di na le mefuta e le mengwe e e tshwanang le dijo tse di mo Borwa jwa Aforika. Dikai tsa dijo tsa Setswana di akaretsa phaleche, setampa, dikuku le phane. Sejo se se faphegileng segolo bogolo mo Botswana ke seswaa, e leng nama e e apeilweng ya bo ya kgobiwa e bo e lokilwe letswai.[1]

Metswako[fetola | Fetola Motswedi]

Kuku e e tsentsweng nama e e sidilweng

Mebaraka ya Botswana e tletse dijo ka mefutafuta. dingwe dijetswe mono gae fa tse dingwe di tswa kwa mafatsheng a a mabapi. Bontsi jwa nama ya kgomo bo tswa mono. Nama ya nku, ya koko, le dinama tse dingwe le tsone di dintsi. Mme nama ya kgomo ke yone e tlwaelesegileng. Nama ya tlhapi le yone ke nngwe ya dijo tse di fitlhewang mo Botswana. 

Mabele le Mmidi ke dijo tse di lengwang that mo Botswana. Korong le raese le mefuta e mengwe ya losika loo mabele le le sa lengweng mo Botswana le lone le tlisiwa mono go tswa mafatsheng a mangwe. Mefuta ya dinawa e le mentsi e a lengwa, go akaretsa ditloo le letlhodi. Manoko le one a a lengwa. Merogo le digwere di akaretsa dikwii, ditapole ditamati le dipotata le tsone ke dingwe tsa dijalo tse di lengwang mo Botswana. Mme go na le merogo mengwe  e e tlhogang mo nageng. Morogo wa dinawa ke sejo se se rateng thata sa Setswana. 

Bontsi jwa maungo a teng a a karetsang morula. Magapu le one go dumelwa ga a tlholegile mo Botswana mme a nna a le mantsi ka paka ya ga a jewa. Mofuta o mongwe wa legapu o o lengwang ke lerotse kana lekatane. Go nale mefuta mengwe ya legapu e e bidiwang kgengwe e e fitlhelwang mo sekakekeng kwa metlhabeng e e leng karolo e tona e e neelang baagi ba koo metsi le dijo. Merogo ka bontsi e jewa ka dipaka tse di farologaneng, mme bontsi jwa nako e a omelediwa, mme e beelwe go jew mo nakong e e tlang. Merogo e omeleditsweng e apeiwa ka go farologana.

Dijo tse di tlwaelesegileng[fetola | Fetola Motswedi]

Paleche le morogo wa khabeche. paleche e apeiwa ka mmidi o o sidilweng (jaaka fa godimo)
Diemere tsa setampa , mmidi o o  tlhobotsweng mme o se boleta jaaka phaleche

Seswaa, kana chotlho ke nama e e rategang le go tlwaelesega bogolo jang mo meletlong. Nama e e apeiwa thata ke borre mo potong, mme ba e apeye ka metsi go fitlhelela e butswa thata le go e loka ka letswai. Sejo se sengwe se se tlwaelesegileng thata ke serobe. Serobe se apeiwa ka go tlhakanya mala le mogodu wa podi, nku kgotsa kgomo go fitlhelela di butswa thata. Ga nama e le ya podi kana nku, go tle go tsenngwe ditlhako tsa yone mme di apeiwe le mala le mogodu.

Dikoko tse di ruilweng setswana di akanngwa e le tsone tse monate go gaisa tse di jesiwang menontshane gore di gole ka bonako. ga o tlhabela moeng koko ya setswana wa bo o supa kamogelo e e ko godimo. Go apaya koko ka potwana mo molelong, go kaiwa e nna monate go gaisa.

Bogobe bo apeiwa ka go faga mabele, paleche kana lebelebele mo metsing a a belang,mme bo tlogelwe go butswa ka iketlo. Nako tse dingwe  bopi jwa mabele, phaleche kana lebelele bo tle bo bidisiwe mme bo tsenngwe mashi le sukiri go dira ting.  ting e kgona go jewa e sa lokwa sukiri le mashi mme e shabiwe ka nama le merogo. Mofuta o mongwe wa go apaya bogobe ke go  tsenya lerotse le madila. Bakalaka ba pgo bitsa tophi.  

Bopi jwa borotho ga se bontlha bongwe jwa dijo tsa setswana, mme bo tlisitswe mono go tswa mafatsheng mangwe. Go na le ka fa go apeiwang borotho ka teng mo go tsewang e le bonltha bongwe jwa dijo tsa mono. Matlebekwane, diphaphatha le dikuku di tlwaelesegile e le yone mefuta ya borotho e e jewang mono. Di apeiwa ka go tlhakanya bopi jwa borotho le metsi mme bo dubiwebo bo bo apeiwe ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go apaya mo metsing a a belang, go bo apaya mo mafureng a a bolelo kana mo magaleng. 

Phane

Dijo tse di tlhwelesegileng thata ko mafelong a tengnyana teng di akaretsa dinawa tsa morama, e le tapole e e fitlhelwang ka fa tlase ga lefatshe le mabowa.Phane  e lebega jaaka sebokwana mme e apeiwa mo magaleng kana e bedisiwe, go omelediwa e be e gadikiwa.

Dino[fetola | Fetola Motswedi]

Dino tsididi le majalwa a a diriwa mono Botswana mme a akaretsa Fanta le Coca Cola. Majalwa a a dirwang mono a akaretsa Castke le Lion. Mashi a bedileng a bidiwa madila, mme a jewa ka motogo kana one fela a le esi. Seno tsididi se e seng bojalwa ke gemmere e e diriwang gantsi mo malapeng.

Go na le mefuta mengwe ya majalwa a a dirwang mono gae. Ke bojalwa jwa setswana bo bo apeiwang ka mabele a a bedisitsweng. Merafe mengwe jaaka Bakalaka ba dirisa lebelebele boemong jwa mabele. Go na le bojalwa bo bo dirwang mo madirelong a bojalwa jaaka Chibuku. Bone bo apeiwa ka phaleche kana mabele, mme ke bojalwa jo bo ratiwang segolo bogolo mo magaeng le mo ditoropong. Chibuku e dirwa gape mo mafatsheng a tshwana le bo Malawi, South Africa, Zambia le Zimbabwe. Khadi yone ke bojalwa jo bo dirwang ka metswako e e farologanyeng jaaka meretlwa ya nnaga mme ke seno se se nowang ke batho ba itsholelo e e kwa tlase bogolo jang.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Botswana Travel Guide - Everything You Need To Know". A Luxury Travel Blog. Retrieved 2021-05-20.