Karolo:Magae mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Matshelo a Batho a tlhabololwa[fetola | Fetola Motswedi]

Lenaneo la go tlhabolola matshelo a batho ba metse ya tengnyanateng le amogetswe ka mabogo oo mabedi ka ntlha ya gore le tlaa thusa ba ba tlhokileng lesego. E rile mo bosheng puso ya ntsha lenaneo le le tlaa dirisiwang mo lebakeng la dingwaga di le lesome, le mo go lone go tlaa bong go akarediwa banni ba tengnyanateng mo mananeong a puso.Mo go lone lenaneo le, go tlaa bo go sekasekwa go thapiwa ga banni ba tengnyanateng mo maphateng a a farologaneng mo ditirong tse di dirwang mo metseng ya go nna jalo.Mogolwane wa lephata la banana Rre Benjamin Raletsatsi, o ne a bolelela ba motswedi wa dikgang wa BOPA bosheng gore seemo sa botshelo jwa batho ba metse ya tengnyanateng bo saletse kwa moragorago ga jwa banni ba ditoropo.O ne a tlhalosa le gore go botlhokwa gore matshelo a batho ba metse ya magae e tlhabololwe gore lefatshe le tlhabologe lotlhe ka go ba atametsa ditlamelo[1].

Rre Raletsatsi o ne a supa gore o na le tumelo ya gore ba nna ba ba mo metseng ya magae ba tlhoka go fiwa thuso e e kgethegileng. O ne a bolela le gore lephata la banana le ikaeletse go thusa banana ba ba nnang mo magaeng, a tlatsa ka gore maikaelelo ke go fokotsa dipharologano tsa matshelo a banana ba ba mo ditoropong le ba ba mo magaeng.Mokwaledi wa lephata la dikgaolo Rre Boipolelo Khumomatlhare, le ene o ne a dumalana le moono wa lenaneo leo[2].

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ditsebe tse di mo karolong “Magae mo Botswana"

6 ke ditsebe tsa karolo, go 6 ya ditsebe.