Dimajwe

Go tswa ko Wikipedia
Dimajwe is located in Botswana
Dimajwe
Location of Dimajwe

Dimajwe ke motsana yo mo kgaolong ya legare ya Botswana. Motsana o bonwa dikilometara dile lekgolo le lesome kwa borwa botlhaba jwa Francistown, mme gape o nale sekolo se potlana. Palo ya batho ene ele sekete le lesome le bosupa ka ngwaga wa dikete tse pedi le bongwe,mo go yone borre bale dipesente dile masome a mane le borobabodedi le bomme bale dipesente dile masome a matlhano le bobedi. [1] E na le baagi ba le 1423 (2011).[2]

Letlhoko la madi le kgoreletsa Ditlhabololo[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba metse ya Malatswai, Dimajwe le Mmashoro ba kopilwe go nna pelotelele go emela gore itsholelo ya lefatshe leno e boele mannong, ka ke gone ditlamelo tsa metse ya bone di tlaa tsibogelwang.Ba boleletswe jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Serowe Bokone Bophirima, Rre Tshekedi Khama, fa ba arabiwa ka ga tse ba di kopileng jaaka megala ya mosokela tsebeng kwa diofising tsa puso, koloi ya mapodisi go lwantsha borukutlhi le tse dingwe.Ba Malatswai ba ngongoregile ka khiro ya go kgaola ditlhare mo ditseleng, ba re ba lephata la ditsela ba hira banni ba motse wa Mmashoro go tswa kwa motseng oo go goroga kwa go wa Malatswai, mme ba kopa go kgaoganyediwa gore le bone ba bone go itshetsa.Kwa Dimajwe, banni ba ngongoregile ka tsela e e saleng e tshetswe mmu go e baakanya, mokhanselara o ne a solofetsa fa go le gaufi gore e simololowe ka thendara e setse e dule[3].

Mopalamente le ene o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka ntlha ya lebaka le le tserweng go baakanya tsela eo.Monana mongwe o kopile puso go romela badirela puso ba maphata a a farologaneng a mananeo a dithuso go etela motse wa bone, go ba rutuntsha ka one ka ba le mo lefifing fela ka mananeo a puso.Modulasetilo wa Mmashoro o ne a ngongorega ka boimana jwa baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo, a re batsadi bangwe ba rotloetsa mowa wa boitaolo ka go ba rekisetsa ditagi.Ba Mmashoro ba kopile go fiwa motshine wa bobedi wa go jesa bolase ka kgaolo eo e dirisa o le mongwe fela mme go tlhokega wa bobedi go tsweledisa tiro fa o mongwe o ile merakeng.

Banni ba lela ka Borukuthi[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motsana wa Dimajwe ba re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa ko motsaneng oo.Erile a itekodisa Mopalamente wa Serowe Bokone Bophirima Rre Tshekedi Khama mo bekeng e e fitileng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Oarabile Rankwana are go na le tlhaelo ya mapodise kwa Dimajwe.A re ba kopa mapodise a maemo a special constable gore ba thuse mapodise a a teng ka jaana motsana oo ole bophara ebile borukutlhi bo le kwa godimo. A re gape borukutlhi jo bo ka lwantshiwa fa motse o ka fiwa koloi ya kgotla gore ba kgone go fefosa boikuelo kwa metseng e e mabapi. Rre Rankwana gape o kopile gore Dimajwe a agelwe toronko ya nakwana go tshegetsa dirukutlhi. "Re kopa gore re agelwe cell ka gore batho fa ba tshwarwa ba tsenngwa mo ofising ba a thuba," a tlhalosa[4].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2011-06-08. Retrieved 2009-03-19.
  2. "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Retrieved 08-08-2016. {{cite web}}: Check date values in: |accessdate= (help)
  3. http://www.dailynews.gov.bw/cgi-bin/news.cgi?d=20110609&i=Letlhoko_la_madi_le_kgoreletsa_ditlamelo
  4. http://www.dailynews.gov.bw/cgi-bin/news.cgi?d=20090408

Coordinates: 21°40′44″S 26°45′23″E / 21.67889°S 26.75639°E / -21.67889; 26.75639