Dipuo tsa mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia
Languages of Botswana
OfficialEnglish, Tswana
NationalTswana, Ikalanga, Seherero

Puo ya sekgowa ke yone ya semmuso mo Botswana, fa Setswana sone e le teme ya sechaba. [1] Puo ya Sekgowa e e adimilweng ka nako ya Botswana a santse a le ka fa tlase ga puso ya ga MmaMosadinyana, ke yone teme e e dirisiwang mo go tsa semmuso le mo dipuisanong tsa mokwalo. Bontsi jwa Batswana ba bua Setswana, mme diteme tse dingwe di ka fetsa masome a mabedi le tso di a buiwa. Dingwe tsa diteme tsa lefatshe di gomagomediwa ke go nyelela.

Dipuo tsa semmuso le tsa sechaba[fetola | Fetola Motswedi]

Teme ya semmuso e e kwalwang mo Botswana ke puo ya Sekgowa. [1]Dipuisano tse di kwadilweng le melaetsa ya semmuso ka bontsi di kwalwa ka puo ya Sekgowa. Puo ya Batswana e eleng Setswana ke puo ya sechaba ya Lefatshe le, mme ebile e buiwa ke bontsi jwa batho mo Lefatsheng.

Dipuo tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ko ntle ga Sekgowa le Setswana, diteme tse dingwe di a buiwa mo Lefatsheng. Banni ba lefatshe ba feta masome a ferabongwe mo lekgolong ba bua dipuo tsa Bantu ele tsone diteme tse ba godisitsweng ka tsone. Go ya ka World Factbook ya ba CIA, dipuo tsa Bantu tse di buiwang go gaisa ke Setswana - se buiwa ke masome a supa le bosupa mo lekgolong la banni ba lefatshe, Sekalaka se buiwa ke bosupa mo lesomeng la banni, Sekgalagadi se buiwa ke boraro mo lesomeng, Seshona se buiwa ke bobedi mo lesomeng, Sembukushu se biuwa ke bongwe mo lesomeng, Setebele se buiwa ke bongwe mo lesomeng, Setshwa se buiwa ke bongwe mo lesomeng, SeXoo le seTuu di buiwa ke palo e ko tlase ga bongwe mo lesomeng. [2] Sekgowa se dirisiwa e le puo ya ntlha ke bobedi go ya ko borarong jwa lesome, mme palo e potlana e bua Seburu.


Palo ya diteme tse di buiwang mo Botswana ke masome a mararo le bongwe. Tsotlhe ele diteme tse di santseng di le teng. Mo go tsone, di le masome a mabedi le borataro ke tse di tlholegileng mo Botswana, di le tlhano ga di a tlholega mo Botswana. Di le nne di dirisiwa thata, di le boferabongwe ke tse di tsweletseng ka go gola, di ferabobedi di dirisiwa mo puong mme di latlha boleng, fa ele nngwe e gomagomediwa ke go nyelela.[3]

Diteme tse di buiwang

  1. Seburu
  2. Ani
  3. Sebirwa
  4. Chichewa
  5. Sekgowa
  6. G||ana
  7. Dciriku
  8. Gwi
  9. Hai||om
  10. Herero
  11. \Hua
  12. Ju|'hoansi
  13. Kalanga
  14. Sekgalagadi
  15. Khoekhoe
  16. Khwedam
  17. Kua
  18. Kuhane
  19. Kung-Ekoka
  20. Lozi
  21. Mbukushu
  22. Nambya
  23. Naro
  24. Ndebele
  25. Setswana
  26. Shua
  27. Tshuwau
  28. Tswapong
  29. !Xoo
  30. Yeyi
  31. Zezuru
  32. SeXhosa

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 About Our Country. Gov.bw. Retrieved 2022-04-17. "Botswana has a number of tribes across the country, collectively known as Batswana. The official language is English and Setswana is the national language, although there are other spoken languages".
  2. The World Factbook — Central Intelligence Agency. www.cia.gov. Retrieved 2016-09-19
  3. "Botswana". Ethnologue. Retrieved 2019-07-17

Bala mo go tseneletseng[fetola | Fetola Motswedi]

Etela gape[fetola | Fetola Motswedi]

Dipuo tsa Khoisan

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]