Dithamalakane

From Wikipedia
Jump to: navigation, search

Monna yo o tsomang a kaname - Selaga Sekananyana se mpotsa dipotso - Seyalemoya/Radio Sekananyana mafoko se a tsaya kae? - Ditaola/Dipheko Sekananyana metsi se a tsaya kae? - Legapu Pota kafa ke pote kafa retla kopana ko pele - Lebante Bana ba ba nne(4) ba dula ba taboga fela mme ga ba siane - Maotwana a koloi

Dithamalakane
Thamalakane Tlhaloso
Sa re nyedi sa re tseke, se ruta podi matseba Legadima
Ka itaya mpipi, mpipi a tlhoka lebadi Metsi
Sekanyana mafoko se a tsa kae? Sealemoya
Ka itaya mpipi, mpipi a tswa lebadi Seretse
Ngwana a phinya, mmagwe a sia Lerumo le Tlhobolo
Sa tampa tampa sa ya go tsalela kwale Ke thotse ya nama, mme legapu la golela kwa
Sentlhaga sa kgwerere se thulame mme mae ga a tshologe Lebele la Kgomo
Monna yo o ko Ntsweng yo o binang pedi mpepetlwana Ke loleme
Moraka o o mo gare ga motlhaba Ngwedi
Phate ikale o bo o ikalola Maru
Sea tampa tampa seya go tsalela fale Thotse
Ooo thiaa setlantlapane Tlhogo ya gopane

ka thothora boupi kaja kgetsi|| mogodu ntate o makgasa borotho rea boja|| borokhu kase gata sa nkomanya|| letlhare lele omileng basimane ba gaetsho sale ba kgwatha maloba le gompieno ba kgathile hela|| dithomeso monna yo o moleele rrahiihoo|| sefefo koko ya poo selela ka mogata|| seme maruputelo a tlou tsedi tona|| kika fae neng ele teng pota kakoo re bolae kgano || goja 'kgomo tsa gaetsho diya gonwa dile ditshetlhana di boa dile dikhunwana|| borotho mo mahureng kwatana se welawela bodibeng baprista bae bitsa koma|| kgamelo le mogala mo sedibeng kgomo e khunoo ya thaba e ntsho , e tsho ya thaba e tshweu, e tshweu ya thaga lesaka|| molelo, pitsa le mashi ka heela heela rankudinyana a beela teng|| bola mmangwana a phinya ngwana a tswa a sia || lerumo le tlhobolo

1.2.3 banyana ba Tlokweng||maoto a pitsa

kare ke ja mmangwane a ntlhaba ka bobowa-Motoroko. Kepu e rile gore ti! gare phosoo- Morobalano.


Tswee tswee tobetsa "edit" ko godimo o tsenye tse dingwe.