Dithamalakwane

From Wikipedia

Jump to: navigation, search
Dithamalakane
Thamalakane Tlhaloso
Baloi ba mminamitlwaneng Marothodi a pula
Kgomo e tswa Engelane, e tshologa sebodu ka tlhogo Kerese
Ya tloga e le nosi, ya boa e ntsifetse Peo
Monna yo e reng a le monnye o bo o sa mo rate, e re a gola a bo a phimoga Lerotse
Ke lepelela modubeng, ka re: "Rra Nthuta pula" Pula
Sethare se se fulwang ke batho botlhe Mabele
Se se na molomo, metsi se a tsaya kae ? Legapu
Monna yo moleele, mosugadinakedi Mosi
Selo se se mo kokong ka kwa morago, mo mothong se kwa pele Lengole
Se re Kagari! ntsweng, bomhele ba tla ba siane Dintswa di atumela fa pitsa e falwa
Mo ke leng teng ga se tlhokagale Ntshi
Se le bonnyennye bo kana, molapo se o tlola jang ? Segogwane
Ka tlhatlega ka e kana, ka bo ka khurumela ka e kana Lefatshe le loapi
Ka o tshela maokeng, wa boa wa mpharafela Molora
Sa re nyedi sa re tseke, sa ruta pudi matseba. Legadima
Pula di na matsorotsoro nkgwana ya poru ga e tlale motlhoboloko
Kotana tshweu sewelawela melapong baprista ba e bitsa koma lefulo la metsi ha noka e tlhatsa