Ditlhopho tsa ngwaga wa 2009 tsa lefatshe la Botswana

Go tswa ko Wikipedia
2009 Botswana general election

← 2004 16 Diphalane 2009 (2009-10-16) 2014 →

57 of the 63 seats to the National Assembly
29 seats needed for a majority
Turnout76.71% (Increase0.92%)
  First party Second party Third party
 
BNF
BCP
Leader Ian Khama Otsweletse Moupo Gilson Saleshando
Party BDP BNF BCP
Leader since 1 April 2008 25 November 2001[1] 2005
Leader's seat not running not running Selebi-Phikwe West
Last election 44 seats, 51.73% 12 seats, 26.06% 1 seat, 16.62%
Seats won 45 6 4
Seat change Increase 1 Decrease 6 Increase 3
Popular vote 290,099 119,509 104,302
Percentage 53.26% 21.94% 19.15%
Swing Increase 1.53% Decrease 4.12% Increase 2.53%

President before election

Ian Khama
BDP

Elected President

Ian Khama
BDP

Dithopho tse di ne di tshwaretswe kwa Botswana ka 16 Phalane 2009. Maduo a dithopho tse a ne a supa fa Botswana Democratic Party, e fentse ditilo dile masome a mane le bothano (45) mo go tse 57 tse di neng di ba emetse.

Makgotla a sepolotiki[fetola | Fetola Motswedi]

Makgotla otlhe a polotiki a a neng a tsere karolo mo ditlhophong tsa sechaba tsa ngwaga wa 2004 a ne a emela ditlhopho tsa bopalamente ka 2009: Lekgotla la Botswana Democratic Party (BDP), Botswana National Front (BNF) le Botswana Congress Party (BCP). Makgotla a mannye le one a ne a tsere karolo, le bontlhopheng ba ba neng ba ikemetse ka nosi ba le lesome le botlhano (mo dikgaolong tsa botlhophi di le lesome le boraro).

Phathi ya domokoraga (BDP) e ne e tlhomileng baemedi mo dikgaolong tsotlhe tsa botlhophi di le masome matlhano le bosupa. Moeteledipele wa yone, ebong tautona wa Botswana Ian Khama o ne a sa emela ditlhopho, mme mothusa-tautona Mompati Merafhe o ne a sireletsa setilo sa gagwe kwa Mahalapye Bophirima. BDP e fentse ditlhopho tsotlhe tse di tshwerweng mo Botswana morago ga boipuso.

Moeteledipele wa BNF o ne a sa ema e le ntlhopheng. O ne a ikaeletse go sireletsa setilo sa gagwe sa palamente sa Gaborone Bophirima Bokone mme o ne a latlhegelwa ke ditlhopho tsa peo letlhokwa tsa BNF teng. Go ne go na le dipelaelo tsa gore gongwe o ka emela phathi ya gagwe kwa Gaborone Borwa, mme Moupo o ne a seka a dumela go emela ditlhopho. Ka ditlhopho tsa 2004, Moupo o ne a emetse ditlhopho kwa Selibe-Phikwe Bophirima mme a latlhegelwa kgatlhanong le ntlhopheng wa BDP Kavis Kario. O ne a tlhophiwa go nna mopalamente wa Gaborone Bophirima Bokone ka ditlhopho tsa poeletso ka ngwaga wa 2005 morago ga go tlhokakafala ga mopalament wa BNF Paul Rantao.

BCP e dirisanya le Botswana Alliance Movement (BAM), mme ba thusanya go ka tlhopha moemedi wa phathi e nngwe. BCP-BAM e ne e tlhomile baemedi mo dikgaolong tsa botlhophi di le masome mane le borataro. Moeteledipele wa BCP Gilson Salashando o ne a emela ditlhopho kwa Selibe-Phikwe Bophirima e e neng e tshwerwe ke ntlhopeng wa BDP Kavis Kario.

Patlo Maikutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga ditlhopho go ne ga diriwa dipatlisiso di le mmalwa ka patlo maikutlo, go leka bona gore sechaba se slofetse eng.

Malatsi a dipatisiso Lefelo la Dipatlisiso BDP BNF BCP Tse dingwe
Lwetse28-Phalane 16 2008 University of Botswana Faculty / Afrobarometer ( Mmadikolo) 63% 13% 8% 10%

Pele ga ditlhopho[fetola | Fetola Motswedi]

Mathata a BDP[fetola | Fetola Motswedi]

BDP mo bogompienong e na le mathata a a mo teng ga phathi, e bile Tautona Khama a ntsha matshosetsi a go kopa Modulasetilo wa phathi e bile e kile ya nna Tona Daniel Kwelagobe, moeteledipele wa lekgamu la Barata-Phathi le le fitlhelwang mo teng ga BDP. Lefa fa Khama le Kwelagobe ba baakantse dipharologanyo tsa bone, go itsetsepela ga BDP go santse go reketla.

Mathata a go tlhopha ga mapodisi le batlhophisi[fetola | Fetola Motswedi]

Ka gore bathophisi le mapodisi ba tshwanetse go tsamaisa ditlhopho ka Phalane a tlhola lesome le boratato, go ne ga nna le tsamaiso ya gore bone ba tlhophe pele ga nako ya ditlhopho. Se se ne se tshwanetse go dirwa ka Phalane a le masome mabedi le borobaboongwe. Mme le fa go ntse jalo, ka mathata a go gatisa ko Johannesburg, se ne sa sa seka sa tsamaya jaaka go ne go tshwanetse. Dipalo tse di fitlhelwang mo pampiring ya ditlhopho di ne di fitlhelwa di iipoeletsa go feta bongwe. Jaanong ba sepodisi le batlhophisi ba ne ba tshwanetse go tlhopha le sechaba ka kakaretso ka Phalane a le lesome le borataro. Jaanong se e ne e le mathata a a tlhwaafetseng mo badireding ba ba ikwadiseditseng go tlhopha mo mafelong a a kgakala le kwa ba yang go tlhophisa teng. BCP e ne ya ntsha matshosetsi a go tsaya kgatlo ya semolao kgatlhanong le lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC.

Go tlhopha fa o se mo Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

Go tlhopha pele ga na nako mo mafelong a botlhophi a a kwa ntle ga lefatshe go ne ga dirwa ka Phalane a le gararo mo mafelong a botlhophi lefatshe ka bophara.

Maduo[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Botswana general election, 2009 Dipalo tse dintsi tsa batlhopi di ne tsa gatisiwa mme nako ya go bulwa ga mafelo a botlhophelo e ne ya okediwa go ka emelana le mela e metelele ya batlhophi. Balebeledi ba ditlhopho batlhalositse fa di tsamaile ka thelelo le fa go nnile batho ba ba rileng ba ba sa kgonang go tlhopha. BDP e ne ya supa kgolo mo maduong a 2004 ka go gapa setilo se sengwe go dira gore di nne masomemane le botlhano mo ditilong tsa palamente di le masome matlhano le bosupa. Ba kganetso ba BNF ba ne ba bona kwelotlase go tswa mo ditilong tse di lesome le bobedi go ya ko go tse thataro. BCP e e duleng mo BNF e ne ya oketsa kemedi ya yone go tswa kwa go bongwe go ya kwa go bone le badirisanyi mmogo ba bone BAM ba ne ba ikgapela setilo se le sengwe. Nehemiah Modubule, mopalamente wa Lobatse o ne a fenya ditlhopho a ikemetse ka nosi, a ne a tlhophilwe ka 2004 ka fa tlase ga BNF. Kwa ntle ga go gapa ditilo di le dintsi BDP e ne ya boelwa mo tsamaisong ya pele ya ditlhopho ka palo ya diphathi tsa kganetso e lekane go ka fenya BDP mo dikgaolong di le dintsi tsa botlhophi. Seelo sa phathi ya BDP e ne e le go oketsa kemedi ya bone go tshwara masome matlhano moanamisa mafoko o supile fa ba itumeletse maduo.

BDP e gapile ditlhopho tse dintsi, fa BNF e gaisitse badirisanyi mmogo BCP-BAM ka mola o mosesanyane go ka gapa maemo a bobedi.

Maduo a ne a neela Khama sebaka se sengwe sa go busa ngwaga tse tlhano. O ne a ikanisiwa morago ga ditlhopho, mme mokete wa phenyo o ne wa dirwa ka Phalane a le lesome le borobabobedi mo Gaborone.

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Maina a mapalamente a nako eno a Botswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]