Gabane

From Wikipedia
Jump to: navigation, search

Gabane ke motsana oo dikhilomitara di le lesome le botlhano go tswa mo toropo kgolo Gaborone. ke motsana wa Balete ba ba tlholegang kwa Ramotswa o o ka fa tase ga bogosi jwa ga Kgosi Mosadi Seboko.Kgosi ya motse o ke Kgosi Seeletso Pule,ka ntlha ya se matlhogosweu ba o bitsa "LEFATSHE LA GA PULE."

Gabane o itsege ka Pelegano Village Industries ee tlhametseng banana le bagolo jwa motsana o mebereko.Pelegano e e tswakatswakantse ditiro tse di e dirang,go tswa mo go bobeng dinkgwana,go sila mabele,go betla,ga mmogo le go tshwantsha.Ka ntlha e bajanala ba tla ka mmetela go tla go bona le go reka magasigasi a.

Gabane o itsege thata ka itloso bolotu ee faphegileng ee dirang gore baagisane go tswa mo metseng ee mabapi ba tle ka boidiidi letsatsi le letsatsi,se a bo e le ntateng ya MOUNTAIN REST BAR ee itsegeng ka go letsa mmino wa jazz tshipi mongwe le mongwe.Gabane o ntsitse baopedi ba tlhwatlwha mo ditsong tsa lefatshe la Botswana magareng ga bone Franco and Afro Musica,Matsieng ga mmogo le Miso Mmereki tshoso e rweleng mo go tsa ditlaeletsano,o itsagale thata ka matlhaga tlhaga a gagwe mo Mokaragana ka jaana ke mogasi mo seromomamoeng.