Go pholodisa bopimana mo Aferika Borwa

From Wikipedia
Jump to: navigation, search

Pholodiso ya boimana mo Aferika Borwa e ne e letlelelwa ka mabaka mangwe go fitlhelelela ka ngwaga wa 1997, fa tshwetso ya molao motheo wa go senya boimana (Molao motheo 92 wa 1996) o ne o sutlisiwa, go supa pholodiso ya boimana e tlhokega ka mabaka aa farologanyeng.

Dikakanyo tsa setshaba le tlhotlheletso ya Sepolotiki[baakanya | edit source]

Selekanyo sa batho ba Aferika Borwa ba le masome a botlhano le borataro ba dumela fa pholodiso ya boimana e nna e sa siama le fa go nale kgonagalo ya gore lesea le tlhagogelwe ke bogole fa le tsholwa. Palo ya selekanyo sa batho ba le masome a le bosupa e dumela fa e sa siama fa pholodiso ya boimana e dirwa ka gore mmangwana ga a na madi aa lekanyeng gape go nale kgonagalo ya gore o ka seka a kgona go ka tlhokomela bana ba bangwe.[1]

Tlhopego[baakanya | edit source]

Mo Aferika Borwa , mme mongwe le mongwe o ka letlelelwa go pholodisa boimana ka go ikopela fela go sena mabaka fa a le dibeke tse di lesome le boraro a imile. Fa a le dikgwedi tse di fagare ga lesome le boraro, le masome a mabedi, o ka thusiwa go pholodisa boimana fa (a) botsogo jwa gagwe jwa tlhaloganyo le jwa mmele bo sa itekanela , (b) lesea le tla nna le mathata a tlhaloganyo le mo mmeleng aa tseneletseng, (c) fa a imisitswe ke wa losika, (d) fa a imile ntateng ya go thubetswa, kgotsa (e) fa a nale mathata a madi kgotsa mo lwapeng a mo letla go ka pholodisa bopimana. Fa a le dikgwedi tse di fetlang masome a mabedi a imile, o ka thusiwa go pholodisa boimana fela fa botsogo jwa gagwe kgotsa jwa lesea bo le mo kotsing kgotsa fa go ka nna le kgonagalo ya gore go tsolwa ga lesea go nne mo kotsing.[2]

Mme yo o kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi o tla bo a kgotlhadiwa go itsise batsadi ba gagwe, gape o kgona go seka a ba itsise kgotsa fa a sa batle go ba itsese. Mme yo o nyetsweng kgotsa a nale mokapelo yo a ratanang le ene o tla bo a kgotlhadiwa go itsese mokapelo wa gagwe, mme gape o kgona go seka a mo itsise.

Fa e le gore Mme o nale bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo bogale kgotsa a se kelotlhoko lobaka le le leele, tlaletso ya mokapelo wa gagwe, batsadi kgotsa mosireletsi wa molao wa tlhokafala.

Molao wa babereki ba botsogo[baakanya | edit source]

Ka kakaretso, dikgaka tsa botsogo ke tsone fela tse di dirang loaro lwa pholodiso ya boimana. Baoki ba ba dirileng dithuto tse di faphegileng le bone ba ka dira loaro lwa pholodiso ya boimana mo lobakeng lwa dibeke tse di lesome le bobedi fa Mme a imile.

Babereki ba botsogo ga ba na thata epe ya go ka diragatsa kgotsa ya go pholodisa boimana fa ba sena kgatlhego, ka jalo ba patikiwa ke molao go thusa fa go tlhokafala go sireletsa botshelo jwa molwetse, le fa thuso ya bofefo e le ya go pholodisa boimana.[3]

Mmereki wa botsogo fa a kupiwa ke molwetsi go pholodisa boimana, o ka ganana le seo fa a itlhopela go dira jalo, gape ba letwa ke molao go itsise molwetsi ka ditshwanelo tsa gagwe mme a mo fitlisetse kwa mmereking yo mongwe kgotsa kwa lefelong le a ka bonang thuso e a e batlang.[4]

Bontsi jwa mafelo a kwa go pholosediwang boimana teng a thusa ka dikgakololo tsa ntlha le tsa bobedi fa motho a pholodisa boimana, gape Mme o ka itlhopela ka fa molaong, mme ga se ka fa molaong gore mafelo a a dire loaro lwa go pholodisa boimana.

Pholodiso ya boimana e kgona go fiwa mahala mo dikokelong kgotsa dikokelwaneng, le fa fela fa mooki a romeletswe ke mmereki wa botsogo.[3]

Pholodiso ya boimana go sa dirwe loaro[baakanya | edit source]

Pholodiso ya boimana e ka dirwa ke Ngaka ya botsogo kwa lwapeng la gagwe fa moimana a le dibeke tse di bosupa go tsweng mo letsatsing la gagwe la bofelo a sens go bna setswalo. Tsela ee leng yone ke fa go dirisiswa molemo wa antiprogestin, go bo go dirisiwa wa prostaglandin analogue mo malatsing a le mabedi aa tlang.[5]

Ditlamorago tsa molao wa go pholodisa boimana[baakanya | edit source]

Go sa tsweng go sutlisiwa ga molao motheo go dirile gore dintsho tsa kwa pholodiso ya boimana kwa mebileng e fokotsegile, mme dintsho tsa go pholodisa boimana di ntse di goletse pele go ya ka dipalo tse di tserweng kwa Gauteng botlhano mo lekgolong jwa dintsho tsa boimana go latela dintsho tsa bana ke tse di amanang le go pholodisiwa ga boimana, gape masome a matlhano le bosupa mo lekgolong ke tse di amanang le go pholodisa boimana e se ka fa molaong.[6]

Dipatlisiso tsa mo bosheng kwa Soweto di supile tse di latelang: palo ya bomme ba ba pholodisang boimana ba ba dingwaga tse di fetlang masome a mabedi di fokotsegile ka selekanyo sa 15,2% mo ngwageng wa 1999 go ya kwa go 13,2% mo ngwageng wa 2001, palo ya bomme ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a mabedi e fokotsegile go tsweng mo selekanyong sa 21% go ya kwa go sa 14,9%, gape palo ya bomme ba ba dingwaga tse di fa gare ga dingwaga tse di lesome le boraro le lesome le borataro di fokotsegile go tsweng mo selekanyong sa 28% go ya kwa go sa 23%. Ka ngwaga wa 2007, 27% ya go pholodisa ga boimana e ne e le ya bobedi ee masisi .[6]

Bokhutlo

Go pholodisa boimana ke tswetso ee sa siamang ka jalo e baya botselo jwa Mme yo o itsolofetseng ka fa diphatseng.O ka letlhegelwa ke botselo kgotsa a seka a tlhole a ka kgona go tshola gape.Mo tumelo ya sekeresete pholodiso ya boimana go dumelwa fa e sa siama ka go dumelwa e le go senya botselo jwa sebopiwa sa Modimo.Batho ba tshwananetse go tsaya ditswetso tse di maleba fa ba akanya ka go ka pholodisa boimana.

O ka tsibogela[baakanya | edit source]

  • Pholodiso ya boimana ka lefatshe
  • Ngangisano ka go pholodisa boimana
  • Molao wa go pholodisa boimana
  • Molao wa batho mo Aferika Borwa
  • Tumelo le pholodiso ya boimana
  • Molaoa motheo wa tshwetso ya go senya boimana, 1996
  • Ngangisano ya molao wa ngwao ya pholodiso boimana

Dipadi tse dingwe[baakanya | edit source]

Template:Abortion