God game

Go tswa ko Wikipedia


Tempolete:Two other uses Tempolete:Simulation VG Motshameko wa god game [1] ke yo o etsisang setho[2]yo o latlhelang motshamiki mo maemong a go laola motshameko ka bophara, jaaka motshamiki yo nang le semoya kgotsa tlhaloganyo/nonofo e e seng ya senama, jaaka moeteledi pele yo mogolo, kgotsa yo senang boene bongwe jo bo kwadilweng(jaaka mo Spore ), ebo e baya motshamiki wa go nna jalo mo maemong a go laola kafa motshameko o tshamikiwang ka teng a nale setho sengwe se a tshanetseng go se tlhokomela.

Se ga se a tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa legod mode, se e leng seelo se se bonwang mo metshamekong e mengwe ya motshikinyego( e go lopiwang motshamiki ka mabaka a tseitso) fa boleng ba motshamiki bo newang gosa bonale kgotsa ka go ithaopa kana gotlhe.

Tlhaloso[fetola | Fetola Motswedi]

Metshameko ya God Game ke e e etsisangsetho,fa batshamiki ba dirisang nonofo ya masaitseweng go tlotleletsa baobamedi. Moono wa motshameko yo wa motshikinyego o pharologanyo thata le wa metshameko e mengwe, ka gore batshamiki ba palelwa kgotsa ga ba kgone go bolelela ditlhopha tse dingwe se ba ka se dirang, lefa motshameko wa god game okatswa o santse o letla padisanya fa gare ga batlhabani. Moono wa motshameko o farologana gape le wamotshameko wa kago kgotsa tlhokomelo, ka lebaka la gore motshameko o ikaegile thata mo go godiseng le go dirisa dinonofo kgotsa maatla a selegodimo go rotloetsa baobamedi.[2]

Kago ya Motshameko[fetola | Fetola Motswedi]

Motshameko wa God game o letla batshamiki go tsaya karolo ya Modimo mme ba nale maatla a a lekanyeditsweng ko tlase ga a Modimo, go tswana le medimo gotswa mo mythology of ancient Greece. Nonofo ya motshamiki etswa mo baobameding ba gagwe, ba gantsi ba leng bo bone kgotsa bale semorafe ka tlholego. Ke tlwaelo gore batho bale bantsi mo motshamekong wa god game ba tshwane. Pele motshameko yo one o tsentse fela batho ba e leng borre le bomme ba bagodi,fa Black and White ene ya tsenye bana. Batshamiki ba tshwanetse go dirisa nonofo e ba nang le yone ka botswerere, e ba nnang le yone ka lebaka la gore ba nale baobamedi bale kae .Motshamiki o dirisa nonofo ya gagwe ka go dirisa maatla a selegodimo go thusa baobamedi ba gagwe, jaaka go segofatsa dimela tsa bone kgotsa bo diga dithata gore ba tle ba nne le mafelo a ba ka agang masimo a bone. Se se tlisa tsiboso e e nang le boleng ,fa jaanong motshamiki a nnang le nonofo e ntsi go thusa setshaba sa gagwe e e mo thusang go nna le maatla. Lefa go ntse jalo gore a nne le nonofo e ntsi o tlhokana gape le maatla a mantsi,mme mo gantsi go tsaya bokaojwa tshenyako e e tseneletseng ya go seya ditshaba go nale gore motshamiki a tokafatse matshelo a baobamedi ba gagwe. Motshameko yo o leba dilo go tswa ko godimo,e tshwanang le se se diragalang mo metshamekong e e etsisang setho kgotsa ya real-time strategy game.[2]

God games di kaiwa ele tse di etsisang setho ka gore batshamiki ba leba sectshaba se bone ba kgonang go se laola sone se sena kitgso ya se se diragalang. Ere ntswa God game e arogana thata dilo dingwe le metshameko e mo go yone go agiwang kgotsa go dirwang tlhokomelo kana e edirisang karolo ya go etsisa setho, batshamiki ba god game bone ba kgona fela go laola morafe wa bone osa itse. Ga ba kgone go bolelela ditlhophana dingwe gore di dire eng,jaaka go diragala mo metshamekong e mengwe,lefa batshamiki ba gonwe ba kgona go phadisanya le batshamiki ba bangwe ba dirisa merafe kgotsa balatedi ba bone. Mo godimo ga mo,batshamiki ba neetswe maatla a lekanang le a modimo golo mo go sa bonaleng mo metshamekong e mengwe, jaaka maatla a go laola loapi, go fetola bopego ya lefatshe,le go segafatsa kgotsa go hutsa merafe e mengwe e farologaneng[2]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

See also: Chronology of god video games

Ere ntswa go nale tlotleletso e ntsi mo god game, motshameko wa ntlha god game one wa bonwa kgotsa wa simololwa go itsewe gotswa ka ngwaga wa leosme la motso,masome a robang bobedi le borobabongwe (1989).[3][4][5] O dirile kePeter Molyneux wa Bullfrog Productions,[4] motshameko yo one wa tsepamisa motshameko yo mo go one batshamiki ba bonang nonofo ka lebaka la baobamedi ba bone.[5] Motshameko one wa itsagala ka go fa batshamiki nonofo mo godimo ga lefatshe le tlholego, e e ka dirisiwang bosula kgotsa molemo[4] mme karolo e ngwe ya motshameko yo ene ya rotloediwa ke real-time strategy games ka go laola mo go seng kafa sephiring.[5] Dingwe tsa matlhasedi a a neng a gapa maikutlo ke a motshameko wa ActRaiser for the Super Nintendo ka ngwaga wa 1990.[6] Ene gape ya nna thotloetso mo real-time strategy hybrid Dungeon Keeper ,[5] e e neng ya dirwa ke Molyneux ka ngwaga wa 1997.[7]

Molyneux's Black & White one thata a rotloediwa ke motshameko wa Populous .[8]

Mo mosokelatsebeng jaaka ya iOS go nale gape dikai tse di pharologanyo jaaka tsa Pocket God tse di nang le motshameko yo le wa Doodle God o mo go one o dirisang megopolo ya gago go bonagatsa lefatshe lele dirilweng.

== Tse di lateng ketse di dirisitsweng go batla kitso ee kwadilweng fa

==
  1. Kosak, Dave, Black and White 2 E3 Preview (PC), GameSpy Motsheganong a tlhola lesome le boraro, ngwaga wa dikete tse pedi le bone,e ntshitswe ka Hirikgong ale lesome ngwaga wa dikete tse pedi le boroba bobedi
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 Rollings, Andrew (2006). Fundamentals of Game Design. Prentice Hall. Archived from the original on 2017-12-31. Retrieved 2011-10-30. {{cite book}}: Unknown parameter |coauthors= ignored (|author= suggested) (help)
  3. Edge Staff (2007-11-01). "50 Greatest Game Design Innovations". Edge. Archived from the original on 2010-12-23. Retrieved 2008-12-28.
  4. 4.0 4.1 4.2 "IGN Hall of Fame: Populous". IGN. 2008. Archived from the original on 2013-11-04. Retrieved 2011-10-30.
  5. 5.0 5.1 5.2 5.3 Ernest Adams (2008). "What's Next for God Games". Designer's Notebook.
  6. Lucas M Thomas (2007-05-30). "ActRaiser VC Review". IGN. Archived from the original on 2007-06-02. Retrieved 2010-05-23.
  7. Tempolete:Citeweb
  8. "Top 25 PC Games of All Time". IGN. 2000-07-24.

Tempolete:VideoGameGenre