Gumare

Go tswa ko Wikipedia
Lokeisane la Gumare mo Botswana
Lokeisane la Gumare mo Botswana

Gumare kgotsa Gomare ke motsana o o bonwang kwa kgaolong ya Bokone-bophirima jwa Botswana, gaufi le makgobokgobo a Okavango Palo ya batho ba Gumare e ne e le makgolokgolo a a borataro, masome a borataro le bosupa mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1]

Popego ya lefatshe le Diruiwa tsa tlholego[fetola | Fetola Motswedi]

Okavango ke ene fela wa bontlhabongwe kwa go nang le diphologolo le ditlhare mo Kalahari# Okavango o ikaegile fa lefelong le le sa siamang fa lefatshe le , tshikinyegelang teng le thoromo ya lefatshe# Go tswa fa, phetlogo ya popego ya lefatshe e nna e fetloga gape e sa tshepege# Go nale komelelo ya lefatshe, makgobokgobo, metswedi, lekadiba, bojang mo lefatsheng, bodiba gape le ditlhake tse di sa balegeng tsa selekanyo se se sa tshwaneng le popego e e pharologanyo#

Merafe ya Okavango[fetola | Fetola Motswedi]

Merafe e e tumileng mo kgaolwaneng e ke ya Batawana, Bayeyi, Baherero gape le Bahambukushu, le Basubiya# Gape go nale Banoka #noka ##Basarwa|Basarwa###, baagi tota ba Okavango, gape le Bakgalagadi le Baherero# Bontsi jwa ditlhopa tse di agile fa tlhoko ga noka, e ba e dirisang go tshwara ditlhapi gape le go nosetsa diruiwa tsa bone# Ba lema mo dibateng tsa merwalela,mmidi le mabele#

Go dira madi mo Okavango[fetola | Fetola Motswedi]

Nngwe ya dilo tse di ba thusang ka go dira madi ke bojanala #le fa dikompone tse e le tsa batswa kwa#, thuo ya diruiwa, go loga ditlotwana gape le madirelo a a potlana, le temo-thuo# Kgaolwana ya Okavango ke legae thata ka palo ya batho e e itebagantseng le temo-thuo gore ba kgone go itshelela# Ka ngwaga wa 1975 khutlola ya United Nations Development e ne ya thusa batho mo Gumare le Etsha go godisa botswerere jwa go loga ditlatlana gore di kgone go rekisiwa kwa mafatsheng a mangwe# Ditlatlana le tse dingwe tse dinnye, dipetlo tsa maemo di ne tsa isiwa kwa Gaborone gape tsa isiwa kwa United States le Europa go rekisiwa#

Jaaka dikgaolo tse dingwe mo Botswana, Okavango o lebaganwe ke kgwetlho ya kanamo ya mogare wa HIV/AIDS mo bathong#

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2007-12-08.