Kang

Go tswa ko Wikipedia
Kang
Kang is located in Botswana
Kang
Kang (Botswana)
Kgaolo
Kgalagadi
Setshaba
3,744

Kang ke motse yo o mo kgaolong ya Kgalagadi mo Botswana. Motse o, o fitlhelwa mo lefelong la Kalahari Desert e bile o mo tseleng ya Trans-Kalahari Highway fagare ga bokone jwa Ghanzi le borwa jwa Sekoma. Kang gape o fa tletla ya go tsenelela kwa Kgalagadi Transfrontier Park o mo Borwa-Bophirima ga mmogo le Central Kalahari Game Reserve e kwa Bokone-Botlhaba.

Tsela e ralelang Ghanzi ke e e ka tsayang mongwe ya mo isa kwa molelwaneng wa Namibia, le fa gontse jalo ya Sekoma yone e latedisadisa tsela e ka isang mongwe kwa Gaborone, toropo kgolo ya Botswana. Ka 2001 palo batho e ne e le 3,744.[1] Motse wa Kang o mo kgaolong ya Bokone jwa Kgalagadi e leng gore mopalamente wa kgaolo eo ke Hon. Phillip Khwae. Motse o o kgaogantswe ka dikgotla tse pedi tse e leng, Bokone jwa Kang le Borwa jwa Kang.

Mananeo a botsogo[fetola | Fetola Motswedi]

A re lenaneo le le tshotse go le gontsi mo go ka solegelang botlhe ba ba le tsayang ka tlhoafalo molemo fela thata, a kgothatsa bagolwane kwa ditirong go rotloetsa bo monnaabone go le dirisa go somarela matshelo a bone. A re setlhogo sa meletlo eo se se reng "Botsogo jwa me ke bokamoso jwa me" se maleba mme e bile se tlhoka go tsewa ka tlhoafalo ke botlhe mme gape a re batho ba itse gore thibelo e botoka gona le kalafi, ka jalo batho ba thibele malwetsi pele a ba tsena.E ne e rile a amogela baeng, Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Gobe Mudongo a gatelela thata ntlha ya gore go botlhokwa gore batho ba tsene mo ditirong tsa bone tsa malatsi otlhe ba itekanetse mo mebileng le tlhaloganyo gore ba tle ba ntshe maduo a mantle.A re lefatshe leno le beile gore itsholelo ya long e tlaa nonotshiwa ka bodiredi jwa lone ka ntlha e nngwe, mme ke gore botlhe ba tlhagafalela go le direla ba itekanetse segolo bogolo.One a re o lebogela maiteko a go bo go simolodisitswe komiti e mo kgaolong, mme a ba a re o rotloetsa gore e tswelele e dirisiwe ka tlhoafalo. Gone kwa moletlong eo, gone ga fiwa batho sebaka sa go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana a akaretsa HIV/AIDS, bolwetsi jwa sukuri, bolwetsi jwa madi a matona, le selekanyo sa bokete jwa mmele

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2007-12-19.

Coordinates: 23°40′45″S 22°45′53″E / 23.67917°S 22.76472°E / -23.67917; 22.76472