Kgaolo ya Legare (Botswana)

Go tswa ko Wikipedia
Central
Location within Botswana
Location within Botswana
Country Botswana
CapitalSerowe
Area
 • Total147,730 km2 (57,040 sq mi)
Palo batho
 (2001 census)
 • Total563,260
 • Density3.8/km2 (9.9/sq mi)
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)

kgaolo ya Legare ke yone e e tona go fetisa dikgaolo tse dingwe tsa Botswana go ya ka bophara le dipalo tsa batho. E akaretsa legae la setso la Bangwato. Bangwe ba Batswana ba ba inaakantseng le tsa polotiki ba tswa mo kgaolong ya Legare, gammogo le tautona wa pele Sir Seretse Khama, tautona wa pele Festus Mogae, le tautona wa gompieno Lt. General Seretse Ian Khama.

Mafelo a matona ka dipalo ka dipalo mo kgaolong ya legare a akaretsa Palapye le Serowe, a eleng one magae a setso a a mo maemong a bobedi mo Aferika. Kgaolo e e na le melatswana ya Noka ya Limpopo, e e kgaphelang merwalela ntlheng ya botlhabatsitsi jwa noka ya Limpopo.

Ka ko borwabotlhaba, Kgaolo ya Legare e kopanetse molelwane le dikgaolo tsa Matabeleland North ya Zimbabwe le Matabeleland South, fa ka ko bokonebotlhaba Kgaolo ya Legare e kgaogana molelwane le kgaolo ya Afreika Borwa ya Limpopo. Mo gae e kopanetse molelwane le dikgaolo tse di latelang:

  • Bokone-Botlhaba - Bokonebotlhaba
  • Kgatleng - borwa
  • Kweneng - borwabophirima
  • Ghanzi - bophirima
  • Bokone-Bophirima - bokonebophirima

Dikgaolo-potlana[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgaolo potlana tsa Kgaolo ya Legare di akaretsa:

Ditlamelo tsa tlholego[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le kgotlhang magareng ga go atolosa tsa temo-thuo le go somarela bojanala jwa mo gae mo Kgaolong ya Legare.[1] go na le dinokana tse di elelang ka dilemo di akaretsaNoka ya Botetile noka ya Lepashe, tse di elelelang ko Makgobokgobong a Makgadikgadi.

o ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Noka ya Lepashe
  • Dikgaolo-potlana tsa Botswana

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  • Jan Petter, Huberth Hansen le Arvid Lillethun, Resource utilization in the Central District CFDA, Botswana: with special reference to arable farming systems and conflicts in resource management - livestock versus wildlife

Mola wa makwalo[fetola | Fetola Motswedi]

  1. J.Petter, H. Hansen and A. Lillethun


Tempolete:Districts of Botswana