Kgaolwana ya Kgalagadi

Go tswa ko Wikipedia
Kgalagadi
Location within Botswana
Location within Botswana
Country Botswana
CapitalTshabong
Area
 • Total105,200 km2 (40,600 sq mi)
Palo batho
 (2001 census)
 • Total42,049
 • Density0.40/km2 (1.0/sq mi)
Time zoneUTC+2 (Central Africa Time)

Kgalagadi ke kgaolo e e mo borwa bophirima mo Botswana, mo mololwaneng wa Botswana le Namibia. Diofisi tse dikgolo di ko Tsabong. Kgalagadi o tsaya bophara jo bontsi jwa sekaka sa Kalahari. O na le sekgala sa dikilomethara di le 105,200, ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le 42,000. Kgaolo ka bontsi e tserwe ke lefelo la boitapoloso la Kgalagadi Transfrontier, e e tswelelelang ko Aferika Borwa.

Lefelo[fetola | Fetola Motswedi]

Kgalagadi e tshwaraganetse melelwane le dikgaolo tse di latelang:

  • Kgaolo ya Omaheke, Bokone bophirima ,Namibia
  • Kgaolo ya Hardap, borwa bophirima, Namibia
  • Kgaolo ya North Cape, borwa, Aferika Borwa
  • Kgaolo ya Bokone Bophirima, Aferika Borwa, Borwa

Melelwane ya mo gae

Dikgaolo-potlana[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgaolo_Potlana tsa Kgalagadi di akaretsa

  • Hukuntsi
  • Tshabong

Bonno Jwa Batho[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le le nang le batho ba bantsi mo kgaolong ke la Tsabong le le neng le na le dipalo tsa batho di le 6,591 ka ngwaga wa 2001, fa Hukuntsi di ne di le 3,807,Kang dipalo tsa botho di le 3,744. Metse e e neng ya balwa ka palo batho ya ngwaga wa 2001

' Kgalagadi-Borwa

Bogogobo, Bokspits, Bray, Gachibana, Khisa, Khuis, Khwawa, Kokotsha, Kolonkwane, Makopong, Maleshe, Maralaleng, Maubelo, Middlepits, Omaweneno, Phepheng (Draaihoek), Rapples Pan, Struizendam, Tshabong, Vaalhoek, Werda

' Kgalagadi Bokone

Hukuntsi, Hunhukwe, Inalegolo, Kang, Lehututu, Lokgwabe, Make, Monong, Ncaang, Ngwatle, Phuduhudu, Tshane, Ukwi, Zutswa

Bojanala bo ka namola banana mo lehumeng[fetola | Fetola Motswedi]

Banana ba kgaolo ya Kgalagadi ba kgothaditswe go batla ditsela tsa go tsena mo kgwebong ya bojanala.Go ne go gakolola mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi bokone Rre Phillip Khwae kwa dithuto puisanong tsa lephata la bojanala kwa motseng wa Kang ka bofelo jwa beke. Rre Khwae o kgothaditse banana a ba kopa gore ba inaakanye le bojanala, ka bo ka thusa mo go lwantsheng lehuma le le apesitseng kgaolo ya gagwe kobo ka lestshoba. O tswelela ka go ba rotloetsa go tlhoafalela dithuto.

Mogolwane mo lephateng la bojanala Rre Moremi Mabote, ene o ne a bolelela banana gore puso e simolotse go rotloetsa dikgwebo tsa Batswana, a re dikgwebo di sale boutsana mo kgaolong ya Kgalagadi jaaka tsa go supegetsa bajanala lefatshe, tsa ngwao ka kakaretso le tsa maroko. A re lephata la bone le tshwara moletlo wa bojanala ngwaga le ngwaga go rotloetsa ngwao ka kakaretso le gore bagwebi ba tle go abelana dikitso ka go tlhabolola dikgwebo. A re seemo se se sa iketlang sa itsholelo se ba pateleditse gore monongwaga ba lebagane fela le dithuto puisano jaanong go na le ditiragalo tsa dingwaga tse di fetileng tse di neng di akaretsa dikhwaere le disupiwa tsa ngwao. Rre Moagele go tswa lephateng la diphologolo makgabisa o ne a gwetlha banana go rua bontshe le diphologolo tse dingwe tsa naga

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]