Kgomo ya Tswana

Go tswa ko Wikipedia

Kgomo ya tswana ke kgomo ya nama e e tlholegang mo Botswana.ke mofuta wa Sanga o o tshwanang le Borotse le Tuli, e ntsho ka mmala kgotsa mebala e e farologaneng: ka tlwaelo e bohibidu jo bo tseneletseng, gape ga se gantsi e nna

Jo bogolo jwa dikgofa le mogote Maina a mangwe a a tlwaelesegileng mo gae ke ;Bechuana,Sechuana,Setswana,Batawana,Mangwato,Sengologa le Seshaga.

Setso[fetola | Fetola Motswedi]

Kgomo ke Phologolo e e botlhokwa thata ka gore fa o lebelela ga gona sepe se se latlhiwang mo go yona. Sengwe le sengwe mo kgomong se na le mosola fa e phela le fa e sule. kgomo ke banka ya Motswana, bogologolo Batswana ba ne ba e tlotlile thata ka e ne e ba thusa mo botshelong. Ka moo ba ne ba e bitsa Modimo o nko e metsi, le fa o lebelela mo dianeng go ne go na le diane tse dintsi tse di buang ka Kgomo. Kgomo fa e santse e phela e golegiwa fa go lemiwa, go ya nokeng ka selei, go goga kolotsana ya kgotokgoto jaaka sepalangwa. Fa o ntse o e tlhokometse e a tsala lesaka le tlale. Maswi a kgomo a botlhokwa thata, re ja bogobe ka ona, re a nwa, re nwa mogodungwana ka ona, re dira madila. Boloko jwa kgomo bodirisiwa go kgapha fa fatshe bo tlhakantswe le mmu le fa go bopelwa, fa bo omeletse bo dirisiwa go besa molelo fa go apeiwa, mme fa bo omeletse bo thugegile bo le motshotelo bo tshelwa mo tshingwaneng ya dijwalo.

Kwa mafatsheng a mose jaaka China ba titiela boloko ba bo khurumetse mme bo ntshe Gase e e tshubang molelo go apaya. Dikgomo di dirisiwa go ntsha magadi fa o nyala gongwe go rekolola sefane sa ngwana yo o sa nyalang mmaagwe, go duela kgotsa go ananya fa o tlhoka sengwe le go leboga ngaka fa e sena go tshwara motse wa gago, le go leboga modisa yo o di tlhokometseng, le fa motho a ne adirile molato o ne a atlholwa kgomo ka go ne go sena dikgolegelo. Kgomo fa e sule gongwe e tlhabilwe e santse e le botlhokwa thata. Re simolola ka go ja nama, letlalo la yona le ne le dirisiwa ka nako ya fa go tlhagile leso go phuthwa moswi mme a bolokwe ka lona, le dirisiwa gape go nna phate, diaparo le dikobo fa le sugilwe. Letlalo le dira gape thebe, moropa, ditlhako, le dikgole, gape le a fadiwa go ntshiwe makukana. Boboko bo tshasiwa mo matlalong fa a sugiwa, dinaka di dira phala kgotsa lepatata, fa ngaka e fetsa go tshwara lelapa e ne e le tlogelela molemo e o tsentse mo lenakeng. Mafura a dira tsholo fa e le marapo a ne a setlhwe go nna dinakana tsa motsoko le go betliwa go dira mekgothi ya diditsi le ya dithipa. Moswang o ne o dirisiwa go kopanya batho ba ba tlhoaneng ba sa utlwane.


Dikgomo di tshabelelwa ke tlhako le molomo[fetola | Fetola Motswedi]

Tona wa temothuo Rre Christian De Graaff o tlhalositse gore dikgomo tsotlhe tse di nang le bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Zone 6 di tlaa bolawa. E rile fa a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa motseng ya Matsiloje, Patayamatebele le Tonota mo bosheng, Rre De Graaff a re ba tshere tshwetso ya go bolaya dikgomo tsotlhe tse 21 000 mo kgaolong ya Matsiloje.Tshwetso eo e tserwe ka ntlha ya gore kgaolo ya taolo ya matlhoko a leruo ya Zone 6 e na le mogare wa bolwetse jwa tlhako molomo o montsi, a tlatsa ka gore bolwetse joo bo anama ka bofefo.Tona o tlhalositse gore fa dikgomo tseo di sa bolawe, bolwetse bo tlaa anamela kwa dikgaolong tse dingwe.Tona o ne a re dikgomo tse di nang le mogare di tlaa bolawa di bo di hupelelwa go tloga ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola ga raro.O tlhalositse, le gore barui ba tlaa phimolwa dikeledi ka P1 700. kgomo nngwe le nngwe, go sa lebiwa gore e tsiang, ke ya mofuta ofe le seemo se e eleng mo go yone. Tona De Graaf o ne a kgothatsa barui ba ba amegang go dirisana le badiri ba puso go lwantsha bolwetse jo.

A re maikaelelo a bone ke go bolaya le go hupelela dikgomo tseo ka bonako gore bolwetse bo felele gone foo.Tona o ne a kgothatsa banni go tswelela ba kenta dikgomo go fitlhelela ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola lesome le botlhano, go netefatsa gore bolwetse joo ga bo anamele kwa dikgaolong tse dingwe. Mopalamenete wa Tati East, Rre Guma Moyo o ne a ntsha mogopolo wa gore go sekasekwe madi a phimolo dikeledi.E rile fa ba akgela, banni ba ne ba ntsha mogopolo wa gore puso ya lefatshe leno e rotloetse puso ya lefatshe la Zimbabwe go kenta dikgomo tsa bone tsotlhe, go emisa go anamela ga mogare wa bolwetse joo mo Botswana.Ba ne ba kopa puso le go tsenya terata ya motlakase go laola motsamao wa batho ba lefatshe la Zimbabwe le ba Botswana ba ba tlolang ba se na dipasa.Ba ne ba ntsha le mogopolo wa gore bakenti ba tshwanetse go tlhoma kampa ya sennelaruri gaufi le molelwane o o mo nokeng, ba tlhalosa gore barui bangwe ba kgaola terata ka dinako tsa fa dipula di na.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Cattle-stub


Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

<ref>