Botswana pula

Go tswa ko Wikipedia
Botswana pula
ISO 4217
CodeBWP
Denominations
Subunit
1100thebe
SymbolP
Banknotes10, 20, 50, 100, 200 pula
Coins5, 10, 25, 50 thebe, 1, 2, 5 pula
Demographics
Official user(s) Botswana
Unofficial user(s) Zimbabwe
Issuance
Central bankBank of Botswana
 Websitewww.bankofbotswana.bw
Valuation
Inflation2.50% (April 2020)
 SourceBank of Botswana, 7 July 2016
 MethodCPI

Pula ke rain. E nale khoute ya ISO 4217 BWP mme gape e bo e kgaoganngwa ka mathebe a le makgolo. Pula o raya "pula" ka Setswana, ka gore pula ga e bonale thata mo Botswana - bogolo jang kwa kgaolong ya Sekaka sa Kalahari ka jalo se nale boleng. Pula o raya "tshegofatso" ka jaana pula e tsewa e le tshegofatso. Thebe o raya "thebe".

Pula ke Madi a a dirisiwang ko lefatsheng la Botswana. Thebe tse lekgolo di dira Pula a le mongwe. Botswana o simolotse go dirisa Pula ka ngwaga wa 1976.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Pula e simolotse ka ngwaga wa 1976, go emisetsa ledi la Aferika Borwa la Ranta . Le fa 12% a ile a wela tlase ka Phukwi ngwaga wa 2005, pula e tswelela fela e ntse e le ngwe ya ledi la boleng jo bo kwa godimo mo Aferika.

Dithebe[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1976, madi a ne a similolwa ka 1, 5, 10, 25 le 50 thebe le 1 pula. 1 thebe o ne a dirilwe ka tshipi ya aluminium , le 5 thebe ka tshipi ya kgotlho mme a mangwe ka tshipi ya kopore. Madi otlhe a ne a le kgolokwe kwa ntleng ga 1 pula yo o neng a le lenyeketshane. Kgotlho, ya madi a 2 thebe e simolotswe ka ngwaga wa 1981, mme ya emisiwa morago ga ngwaga wa 1985. Ka ngwaga wa 1991, kgotlho e e mennweng e ne ya emisetsa 5 thebe, nekele e e mennweng yone e ne ya emisetsa 10, 25 gape le 50 thebe le 1 pula a ne a fetlogela kwa popegong e nyenyane ya, nekele le kgotlho, popego e e lekalekanangya dintlha tse di bosupa.Le e ngwe e e tshwanang ya, nekele le kgotlho ya 2 pula e ne ya simolodisiwa ka ngwaga wa 1994. Ka ngwaga wa 2004, kopana e e ne ya fetogela kwa kgotlhong e e mennweng le popego e ne ya fetolwa. Ka ngwaga wa 1998, mo go lateleng ga go ntshiwa ga 1 le 2 thebe,madi a manye a 5, 10, 25 le 50 thebe a le ntlha tse di bosupa a ne a simololwa, madi a 5 le 25 thebe gape le 10 le 50 thebe a tlogelwa a le kgolokwe. 5 pula yo o dirilweng ka ditshipi tse di farologanyeng o ne a simololwa ka ngwaga wa 2000 a nale tshipi ya kopore fagare mo kgolokweng e e dirilweng ka Aluminium-Nekele-Kgotlho.

Madi a dipampiri[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Phatwe a tlhola masome a mabedi le boraro,ngwaga wa 1976,[1] Polokelo ya madi ya Botswana e ne ya simolola madi a dipampiri a 1, 2, 5, le 10 pula; madi a pampiri a 20-pula a latela ka Tlhakolo a tlhola lesome le borataro,ngwaga wa 1978. Madi a dipampiri a 1 le 2 pulaa ne a emisetswa ke madi a ditshipi ka ngwaga wa 1991 le 1994,fa madi a 50 le 100 pula a ne a simololwa ka Phukwi a tlhola masome a mabedi le boferabobedi,ngwaga wa 1990, gape le Phatwe a tlhola masome a mabedi le boraro,ngwaga wa 1993, ka go latelelana.[1] Madi a dipampiri a 5 pula a ne a emisetswa ke a tshipi ka ngwaga wa 2000. Madi a dipampiri a nnete a 1, 2 le 5 pula ne a ntshiwa mo tiriosng ka Phukwi a tlhola ga nngwe ka ngwaga wa 2011.

Madi a masha ka go farologana a ne a simololwa ka Phatwe a tlhola masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa 2009,[2] mme e le la ntlha go dirilwe, madi a pampiri a 200-pula.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Linzmayer, Owen (2011). "Botswana". The Banknote Book. San Francisco, CA: www.BanknoteNews.com. Retrieved 2011-08-21.
  2. Botswana issues new note series, BanknoteNews.com, Retrieved 2011-09-05.