Lefatshe la barotse

From Wikipedia
Jump to: navigation, search

(This page's format needs to be reviewed. You can help by editing it.) Lefatatshe la barotse ke kgaolo e mo bophirima jwa lefatshe la zambia, gape ke legae la batho ba morafe wa ba lozi kana Bariotse ba ba neng ba itsewe jaaka Luyi kana Aluyi pele. Pelo ya lefatshe la bone ke Barotse floodplain ko godimo ga noka ya Zambezi, le yone e e tsege jaaka Bulozi kana Lyondo, mme e akaretsa lefelo le fa godimo la thaba, le akaretsa se se itsegeng gompieno jaaka kgaolo ya bophirima ya lefatshe la Zambia. Mo dingwageng tse di fitileng tsa puso ya mmamosadinyana, lefatshe la barotse le ne le akaretsa mafelo a a gautshwane a eleng bokonibophirima, legare le borwa le Caprivi ko bokonebothaba jwa Namibia le bontha bongwe jwa borwa bothaba jwa Angola le go fitlha ko Cuando kgotsa noka ya Mashi.

Folaga ya lefatshe la Barotse.

Puso ysa ntlha ya kgosi ya lefatshe la barotsi e ne ele kgosi Litunga se se raya gore ‘mothokomedi wa lefatshe’, yo one a tsholwa ke Litunga Mulambwa yo o neng busa mo dingwageng tse dikete tse lesome le boferabongwe tse difitileng le ka ngwanangwana wa gagwe, Litunga Lewanika yo mogolo yo o busitseng go tswa ka ngwaga wa 1878 go fithelela ngwaga wa 1916, a bo a ikutsa ka nagwaga wa 1884 go fithelela wa 1885, yo o ne a tshosolosa ditso tsa ba Lozi mo itsholelo ya sepolotiki mo nako ya thaselo ya bakololo, dikgaisano tsa mo gare, matshosetsi a kwa ntle jaaka tse di neng tsa dirwa ke matebele le go gasama ga puso ya Europa.

Mo ditsong seemo sa lefatshe la barotse ko tshimologong ya puso ya Europa se sene se sa tshwane le sa mafelo a mangwe a neng a nna lefatshe la Zambia. E ne e le lefelo la ntlha ko bokoni jwa Noka ya Zambezi e e ya nna le tumalano ya ditswa mmung le komponi ya Britain ya aferika borwa YA GA Cecil Rhodes. Moragonyana Lewanika o ne a ya go ngongorega ko lontone le mmamosadi Victoria gore komponi ya BSAC ga ba bua sentle dintlha tsa tumalano, mme ngongorego ya gagwe ga e a ka ya reediwa, ka ngwaga 1900, Britain e ne supa ka semmuso gore lefelo le sireleditswe gape le a le laola jaaka bontlha bongwe jwa Bokoni-bophirima jwa Rhodesia.[1]

Batho ba lefatshe la Barotsi ba tswelela ba batla go tsewa jaaka lefatshe mme ba letelelwa go ikemela ka nosi mo mafatsheng a neng a latelam, Rhodesia wa ko bokoni le Zambia yo o ipusang. Ka nako ya dipuisano tsa boipuso tsa pele, batho ba barotse ba kopa gore mmamosadi Victoria a tswelele a ba sireleditse. Keletso ya go secede e ne e buiwa nako le nako, se sa dira dikgothang le puso kana goromente ya ga Kenneth Kaunda, se se ne sa supwa ke go fetola leina go tswa mo Lefatsheng la barotse go ya ko kgaolong ya Bophirima. Go ya ka dikakgelo tsa barotsi, goromente ya mo lusaka e ne sa letelele gore lefatshe la Barotse le thabologe___ le ne le na le tsela e e siameng e lengwe e e neng e tsena mo legareng, go tswa mo Lusaka go ya ko toropo kggolo ya kgaolo ya Mongu, gape e sena dithabololo tse di leng teng mo mafatsheng a mangwe. Motswedi wa motlakase o ne e se wa maemo a ntlha, o ikaegile ka madrelo a motlakase a ko Karioba. Ditlamorago tsa dilo tse di ntse di a buiwa nako le nako.[1]

Goromente ya lefatshe la Barotsi ke Kuta,m le tlhomilwe ke tona kgolo Ngambela.

Dipadi tse dingwe[baakanya | edit source]

Template:Wikisource1911Enc

  1. 1.0 1.1 komponi ya kgatiso ya Camerapix: "ditaelo tsa go ya Zambia. kompini ya kgatiso Camerapix, Nairobi, 1996.
Dipadi tse dingwe tse di akaretsang

Template:Coord missing Template:MonarchiesTemplate:Zambia-geo-stub