Lefelo la Tsodilo

From Wikipedia
Jump to: navigation, search

Template:Infobox World Heritage Site Tsodilo ke sefikantswe sa UNESCO sa lefatshe ka bophara mo bokone-bophirima jwa Botswana. Go ne ga kwalwa ka ga lone ka ngwaga wa 2001 ntateng ya go nna pharologanyo ga lone mo tumeding le botlhokwa jwa tumelo mo go lone ke batho ba motse, gape le palo ya batho e e tshelegelang teng . Lefelo le le nale mantswe a a tlakilweng a ka nna 4,500 mo lefelong go ka nna dikhilomethara tse di lesome mo teng ga sekaka sa Kalahari.

Tsa popego ya lefatshe[baakanya | edit source]

Go nale dithaba tse nne. E e tona mo go tsone tsotlhe ke ya selekanyo sa 1,400 AMSL gape e le mo botlhaba18°46′18″S 21°45′15″E / 18.77167°S 21.75417°E / -18.77167; 21.75417Coordinates: 18°46′18″S 21°45′15″E / 18.77167°S 21.75417°E / -18.77167; 21.75417. E ke ntlha e tona mo Botswana. Dithaba tse ka bone jwa tsone go tlhalosiwa e le ya "Monna", e e tona mo go tsone tsotlhe, ya "Mosadi", ya "Ngwana" gape le e ngwe e e sa itsegeng.

Go nale lefelo le le laolesegang la bothibelelo fa gare ga dithaba tse, go nale mantlwana a boiteketso le a botlhapelo. A bapile le botlaki jwa letso la Basarwa le le tumileng fa lefelong , le le bidiwang Laurens van der Post Panel. Lefelo le go iwa kwa o lone j=ka tsela e e itekanetseng e e makgabana e e dikhilomethara tse di masome a mane go tsweng kwa Shakawe. Gape mo lefelong la bothibelelo go nale ntlo ya tshomarelo ya ditso. Gape go nale tsela ya

Botlhokwa jwa ngwao[baakanya | edit source]

Dithaba tse ke tse ditona tsa ngwao le tumelo tsa ba letso la Sesarwa ba Kalahari. Ba dumela gore dithaba ke lefelo la mewa ya ba ba tlhokafetseng gape ba bo ba dumela gore mewa e e ka baka dingwe dilo tse di sa siamang fa motho a ka tsoma kgotsa baka leso gaufi le dithaba tse. Basarwa ba dumela gore dithaba ke tsone tsa ntlha go tlholwa. Ka nnete e e papametseng , Basarwa ba tlakile matlapa a ka tshwara 4500 fa go tshwangtshangwa le dithaba tsa Tsodilo, se se dira gore e nne lefelo le le tumileng lefatshe ka bophara. Basarwa ba dirile botlaki le fa go nale ba letso la Bantu ba botshelo jwa bone bo farologanang le jwa Basarwa. Nako e e tsepameng tota ya gore matlapa a tlakilwe leng ga e itsewe le fa go akanyediwa gore e ka tswa e fetla dingwaga tse di makgolokgolo a mabedi.

Ba letso la Hambukushu ba dumela gore modimo wa bone ebong, Nyambe, o tsentse letso le leruo la bone mo thabeng ya mosadi. Bosupi jo bo tletseng bo bonwa ka dikgato tse di ipadileng mo matlapeng kwa godimo. (Lefoko Tsodilo le adimilwe mo lefokona la Hambukushu la 'sorile' le le rayang go fapoga.) Mo bokone-bophirima jwa thaba ya mosadi , sekgelenyana kwa godimo go tsweng kwa tlase go nale moepo yo o tladitsweng ka metsi. Metsi a a dumelwa fa a le boitshepo gape batho ba itlhapisa ka one gore ba nne le masego. Lefelo le boitshepo ke le le bapileng le "thaba ya monna, lentswe le letona,kwa go dumelwang gore mowa wa ntlha o ne wa khubama teng go rapela fa o tlhola lefatshe. Basarwa ba santse ba dumela gore o santse o ka bona dikakanyo sa mowa ntlha' le one mangole mo mantsweng. Thaba e e nyenyane ke 'ngwana'. La bofelo, go ya ka tlhamane, thaba ya bone e ne e le mosadi wa thaba ya bone ya monna, yo o motlogetseng go ya kwa go yo monye.

Matlapa a a tlakilweng[baakanya | edit source]

Go ya ka ba UNESCO, go nale matlapa a le 4500 a a tlakilweng mo dithabeng tsa Tsodilo.Bontsi jwa matlapa a a tlakilweng a Basarwa a bonwa thata mo thabeng ya "Mosadi" e e tumileng thata ka botlaki jwa "ditlhapi", "di tshukudu tse pedi" gape le "Tau" mo botlhaba jwa thaba ya "monna". Go nale matlapa a a tlakilweng , mme ga a amana thata le dithaba tse di mabapi.

Go nale dikaedi tse di tsentsweng , mme gone botlaki ga bo bonale sentle fela mokaedi yo o rutegileng o ka kgona go go lemogedisa. Ka go rialo baeng ba tlamiwa go tsaya mokaedi wa mo motseng. Se se tlokafatsa itsholelo ya lefatshe mme ebile go bo go sirelediwa lefelo le.

Dipadi tse dingwe[baakanya | edit source]

Mola wa makwalo[baakanya | edit source]

Dikgoge tsa kwa ntle[baakanya | edit source]