Lefelo la diphologolo la Khutse

Go tswa ko Wikipedia

Lefelo la diphologolo la Khutse ke lefelo la boitapoloso mo Botswana.Lefelo la diphologolo la Khutse ke lone le le ratiwang thata ke baeng ba toropokgolo ya Gaborone, ka ebile le le gaufi le yone.selekanyo sa dikhilomithara tse di makolo a mabedi le masome a mane di isa Batsamai kana Bajanala ko mafelong a a rategang jaaka metse ya kgaolo ya Kalahari,go balelwa le motse mogolo o go gorosang kwa Kalahari ebong Molepolole[1].

Mosola wa lefelo diphologolo[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le le gaufi fela thata le Makgobokgobo a Okavango ka jalo dipholologolo ka nako ya pula e tshologa di kopanela teng go oketsa palo ya tsone mme di boe gape do tshola tse dingwe mme se se tlise koketsego ya bojanala.Makgobokgobo a tumile segolo jang ka diphologolo tsa one. Bojanala mo lefelong le bo akaretsa thata go bogela le go kapa ditshwantsho tsa diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego.Letsomo le le laolwang le go tshwara ditlhapi le tsone ke dingwe tsa tse di dirwang. Go nale mefuta e ka nna lekgolo le lesome le bobedi (112) ya diphologolo tse di amusang, mme bontsi jwa diphologolo tse ke tsone tota tse di okang bakjanala.

Mafelo a bogorogelo a baeng[fetola | Fetola Motswedi]

Khutse o nale mafelo a a palonyana a go ka gorogelang baeng,mafelo a a fa boroko, dijo le gone go bontsha baeng diphologolo mo sekgweng.Khutse o raya "lefelo le motho a ka namang maoto a iketle a ja a bo a nwa", mme ebile batho ba boe ba lalediwa go nwa ba bo ba ja ka mo go pharologanyo le ga mafatshe a mangwe.

Dikago tse di agilwe ka mokgwa wa Se Aferika, Khutse Lodge gantsi ba rata go bontsha baeng diphologolo tse di leng teng mo mafelong a a mabapi mme ba boe ba ba kopanya le batho ba morafe wa Sesarwa. Lefelo le le butswe ka ngwaga wa 2003 ,ebile lefelo le la bogorogele le nale mantlo a borobalo a le masome a mabedi le bone.Mantlo a a agilwe ka bonokopila jo bo jesang matlho monatle,mo teng ga ntlo ngwe le ngwe moeng o fitlhela sepe se a se tlhokang[2].

Letso la batho ba ba mabapi le Khutse[fetola | Fetola Motswedi]

Bontsi jwa merafe e e nnang mo mafelong a a mabapi ke ya Basarwa le Kgalagadi,ke bone tota banni ba ba tlholegang mo lfelong le.Dilo tsa bone tse di betlilweng le tse di bopilweng gantsi di rekisiwa teng fa,se se kgatlha bajanala fa ba etetse lefelo le.Dingwe di rekisetswa Khutse Lodge go dirisiwa go kgabisa.Merafe e ka bobedi e utlwan fela thata le go dirisanya le batho ba merafe e sele ebile ba nale nako e ba rutang bajanala ka difikantswe tsa lefelo la bone.Banni ba lefelo le ke batsomi,seo ke sone se ba tshelang ka sone mme ebile ba dirisa mefutla e le mentsi ya go tsoma.Ba itse go dupa diphologolo fa ba ile go tsoma[3]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Khutse Game Reserve Khutse Kalahari Lodge

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]




Tempolete:Coord missing


Information iconPego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.