Lekgotla la Kankere mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Mokgatlho wa Kankere mo Botswana (CAB) ke mokgatlho wa baithaopi, ebile o se ka fa tlase ga puso o tlhomilwe ka 1998 e le lekalana la kgobokanyo.

Ponelopele[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatlho wa kankere mo Botswana o itlamile go fokotsa kanamo ya kankere mo go botlhe ba ba amegileng mo Botswana.[1]

Boikarabelo[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatlho wa kankere mo Botswana o itlamile go fokotsa kanamo ya kankere ka go godisa kitso le thuto go rotloetsa mekgwa e e babalesegileng ya go tshela le go lebela kwa pele kankere,go neela tlhokomelo ya melemo, bogakolodi le kemonokeng mo go ba ba amegileng.

Mananeo a Mokgatlho wa Kankere mo Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

Mananeo a tsiboso/tlhagiso[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatlho wa kankere mo Botswana(CAB) o rotloetsa thibelo ya kankere, dithuto tsa botsogo ka methale e tshwana le dithuto seka dipuisano, ipapatso le go aba dipampitshana tsa kitsiso mo lefatsheng ka kakaretso.

Mananeo a Tlhokomelo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka lenaneo la ntlo ya Tshiamo (ntlo ya tlhokomelo) matlo a nakwana a boroko, tlhokomelo ya melemo, le dijo di fiwa balwets ifa ba tsaya kalafi ya bone kwa sepateleng sa Princess Marina le Gaborone Private.

Mokgatlho wa Kankere mo Botswana gape o neela balwetsi sepalamo go ya go tsaya kalafi ya bone kwa dikokelong.

Mananeo a kemonokeng[fetola | Fetola Motswedi]

CAB e neela balwetsi, masika le ditsala bogakolodi ntle le go anamisa diphiri tsa bone.

Fa balwetsi ba sena go boela magaeng,go na le tatediso go bona gore ba tsoga jang ka go ba leletsa mo megaleng kana go ba etela mo malwapeng.

Tatediso Botsogo[fetola | Fetola Motswedi]

CAB e nale setlhopa sa ba tswa setlhabelo ba ba etelang balwetsi ba kankere kwa malwapeng a bone go ba ema nokeng semoya le mo maikutlong a setho. Se se dira gore ba ba amilweng ke kankere ba fetogele mo go nneng ba tswa setlhabelo sa kankere ka go akanya sentle, mekgwa ya go tshela e e babalesegileng le botsogo.

Di aterese[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatlho wa kankere mo Botswana:

  • Diktlhakore Way, Extension 12, Gaborone
  • Tel/Fax: 3932948
  • cab@botsnet.bw

Lorato le tswa fela kwa Modimong. Go nna le kankere ke ntlha e nngwe ya go tshela.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]