Lekgotla la babereki ba mafelo a baeng le mesepele le bojanala la Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Lekgotla la babereki ba mafelo a go gorogelang baeng, mesepele le bojanala (BHT&TWU) ke {1lekgotla la papadi le le ikgolagantseng le la Botswana Federation of Trade Unions mo Botswana.

Mosola wa Makgotla ka kakaretso[fetola | Fetola Motswedi]

Temotsho e e dirilwe ke mothusa mookamedi wa lephata la tsa khiro, Rre Jacob Nkala mo phuthegong e ka yone ba neng ba tlhalosetsa babereki ba ba ntseng duelwa ka letsatsi ka tsamaiso ya go ba fetola go nna babereki ba sennelaruri.Rre Nkala o ne a itebagantse le kgang ya go tsena mo peneneng ga babereki ba, a tlhalosa fa puso e ne ya lemoga gore lenaneo la pele la go tsaya madi a karathuthi morago ga dingwaga tse tlhano dingwe le dingwe ga go tswele babereki bangwe mosola ka ba felela ba tlogela tiro ba sa itirela sepe.O ne a tlhalosa fa jaanong molao o moa wa khiro o dirile gore babereki ba puso botlhe ba nne selo se le sengwe fela mo a reng ke gone go dirang gore babereki ba jaanong ba kgone go tsena mo peneneng.

Rre Nkala o ne a rotloetsa babereki go tsena mo peneneng ka madi a bone a karathuti a re go ka ba thusa gore ba tle ba nne le penene e e botoka fa ba setse ba tlogela tiro.Babereki ba ne ba ngongorega ka dituelo ba re di kwa tlase mo ba belaelang gore penene ga e na go ba tswela mosola.Ba ne ba supa gape letshwenyego la go tlhoka go bolelelwa ka mananeo a tiro ka na go bontshiwa dipampiri tsa tiro tse di ba amang.

Ngongorego e nngwe e ba e ntshitseng ke ya go patelediwa go tsaya malatsi a boitapoloso fa ba sena go bereka morago ga dioura tse di beilweng tsa tiro le go sa tsewe sentle ke bagolwane ba bone mo maphateng.Mogolwane wa Manual Workers Union, Rre Otladisa Maswabi, o ne a ba kopa go dirisa lekgotla la bone la babereki go isa dingongorego tsa bone, e seng go leta diphuthego, a re go itshupa gore ga ba tsene diphuthego tsa lekgotla.Rre Maswabi o ba rotloeditse go dira dikomiti tsa lekgotla la babereki mo maphateng a bone a re di ka ba thusa go tsibogela dikgang a rotloetsa ba e seng maloko a lekgotla go ikwadisa.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana BFTU

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

  • ICTUR; et al., eds. (2005). Trade Unions of the World (6th ed.). London, UK: John Harper Publishing. ISBN 0-9543811-5-7. {{cite book}}: Explicit use of et al. in: |editor= (help)CS1 maint: extra punctuation (link)
  • "Trade Unions in Botswana" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2007-10-11. Retrieved 2006-03-20. Tempolete:Dead link

Tempolete:Portal

Tempolete:Africa-trade-union-stub