Lentsweletau

Go tswa ko Wikipedia
Lentsweletau ke motsana o o fitlhhelwang mo kgaolong ya Kweneng

Lentsweletau ke motsana o o fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng mo Botswana. O fitlhelwa dikilometara di le masome marataro mo bokone jwa toropo ya Gaborone. O nale banni ba le 4,916 go ya ka palo batho ya 2011 [1]. Sephatlo sa banni ka bontsi ba tswa mo morafeng wa Bakwena, mo kgaolong ya Molepolole, mo kgaolong ya Kweneng.

Lentsweletau o ne a tsengwa mo mmepeng ka dingwaga tsa bo 1970s ke seopedi se se neng se tumile thata a bidiwa Cobra Kenalemang, yo o neng a rotloetsa yo mongwe monni wa Lentsweletau e bong Kotaeswele yo o thamileng pina e e neng ya tuma thata e e reng "Kotaeshwele o dira mathaithai" ka dingwaga tsa bo 1980s. Motsana o o itsege thata gape ka mabelo a a tumileng a Toyota Desert Race e le kwa dikoloi di emang teng go tshela Leokwane e bile batho ba ka robala teng go itlosa bodutu.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-10.