Letlhakane

Go tswa ko Wikipedia
Letlhakane
Letlhakane is located in Botswana
Letlhakane
Letlhakane (Botswana)
Kgaolo
Central
Setshaba
36,338 (2022)[1]
Elevation
997 m (3,271 ft)

Letlhakane ke motse selegae o o mo kgaolo ya legare ya Botswana. O mo borwa jwa Mmatshumo ebile motse selegae wa Letlhakane, one o nale batho bale dikete dile lesome le bone ,makgolo a le borobabongwe ka palobatho ya ngwaga wa 2001.

Go nale meepo ya diteemane e le meraro e bong moepo wa Letlhakane kafa borwa botlhaba,Orapa kafa bokone bophirima le Damtshaa kafa bokone dikhilomethara dile lesome le botlhano go tse lesome le bobedi go tswa Letlhakane. e e okametsweng ke Debswana

Ba gakololwa go ipeela mesasana[fetola | Fetola Motswedi]

Mokhanselara wa Orapa Rre Balopi Chilume, o gakolotse banni ba toropo eo gore Orapa ga se legae la bone mme a re ba tshwanetse ba leka ka natla go ipeela mesasana.Mokhanselara Chilume o buile seo bosheng fa a ne a buisa phuthego kwa kgotleng ya Orapa, a rotloetsa banni ba toropo eo go ikemela ka dinao go bona gore ba batla ditsha tsa bonno go itirela bokamoso le ba malwapa a bone.Rre Chilume o ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse ba leka ka natla go ipolokela kwa dipolokelong go dira gore, ba nne le se ba ka itshetsang ka sone fa ba dule mo tirong.Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa ka lephateng la merero ya kgwebo, Rre Samuel Suping, o ne a tlhalosetsa banni ka ditirelo tsa lekalana leo, mme a supa fa baikopedi ba setlankana sa go rekisa mo mekgwatheng ba lopiwa madi a a kana ka dipula tse di masome a mabedi, a re setlankana seo se letlelelwa go dirisiwa fela mo kgaolong ya Boteti.

Fa Rre Resego Boitumelo, moemedi kwa lekalaneng la tiragatso melao, a ne a tlhalosa gore, tiro ya bone ke go tlhomamisa gore, tumalano e moikopedi a e dirileng le ba lekalana la merero ya kgwebo e a diragadiwa, a supa fa ba tshwanetse ba fitlhela maina le setshwantsho sa moikopedi mo setlankaneng sa gagwe. A re ga ba a tshwanela go tsaya teseletso kgotsa setlankana, ba bo ba se neela morekisi yo mongwe a se itirisetsa.O tsweletse a sedimosa go re katlholo ya go rekisa o se na teseletso e ka lopa madi a a kana ka dikete tse tlhano tsa dipula. O ne a tlhalosa gape fa go tlaa nna le taolo ya thekiso ya majalwa a setso a e bileng a letlelesega, mme a re majalwa ao akaretsa mokuru, khadi, morula, setopoti le ila.Rre Boitumelo o boletse fa majalwa ao otlhe a tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya bobedi mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng ka malatsi a fa gare ga beke.

Thekiso ya dilwana[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Labotlhano le ka Matlhatso go tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya sethoboloko go fitlha ka nako ya bosupa mo maitseboeng, mme ka tshipi go tlaa rekisiwa ka nako ya boraro mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng.Fa a akgela, mongwe wa banni Rre Tshekatsheko, o ne a supa ngongorego ya gore fa ba kopile teseletso ya go rekisa kwa lephateng la merero ya kgwebo, ba ofisi ya Orapa enterprise ba fokotsa palo ya dilwana tse di letleletsweng go ka di rekisa.Mongwe wa banni o ne a botsa gore a ba tlhokega teseletso fa ba rekisa dijo tsa letlhafula.Fa a araba, Rre Suping o ne a gakolola gore ba tshwanetse ba botsisisa fa ba sa itse molao, a tlhalosa fa toropo ya Orapa e le lefelo la mong wa lone ka jalo a re ba tshwanetse ba sala morago ditaelo tsotlhe tse di a lopiwang mo go bone.O ne a tlhalosa gape gore dijo tsotlhe tsa temo ga di tlhoke teseletso go di rekisa, mme a re fa e le tse motho a di rekang a bo a di rekisa di tlhoka teseletso.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Population and Housing Census 2022: Population of Cities, Towns and Districts". Statistics Botswana. 2022-06-10. Retrieved 2022-06-07.

Coordinates: 21°25′S 25°35′E / 21.417°S 25.583°E / -21.417; 25.583