Lokgwabe

Go tswa ko Wikipedia
Lokgwabe is located in Botswana
Lokgwabe
Location of Lokgwabe

Lokgwabe ke motse o o mo kgaolwaneng ya Kgalagadi e mo Botswana. Motse o fitlhelwa kwa sekakeng sa Kalahari Desert motse o gape o nale sekole se se potlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete, makgolo a mararo le bone.

Banni ba Rotloediwa go ikaga[fetola | Fetola Motswedi]

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Aidoo Leshope, o kopile banana ba Lokgwabe go itshekatsheka le go ikaga sesha. Rre Leshope o buile jalo kwa phitlhong ya baratani bangwe ba ba neng ba ikgapela matshelo bosheng kwa Lokgwabe. O kgadile fela thata ditiro tsa dipolaano tse di tlhotlhelediwang segolo bogolo ke go sa iketlang ga marato a banana, mme a dira boikuelo mo bananeng gore ba seka ba itlhaganelela go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo ba ise ba tlhaloganye dintlha dingwe tsa botshelo.

Matlhabisa Ditlong a Lokgwabe[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Leshope, yo gape e leng mokhanselara wa Lokgwabe, a re go tlhabisa ditlhong gore banana ba motse oo ba bo ba inaakantse le go senya leina la one le lentle. " Bagolo ba motse wa rona ba dirile go le go ntsi go tlhomamisa gore motse wa rona o itsege ka tse di molemo ka nako tsotlhe, mme go ngomola pelo gore re bone banana ba senya leina le lentle le re ntseng re ikgantsha ka lone". O tsweletse ka go ba kgothatsa go ikaga le go netefatsa gore ba nna le seabe mo go ageng bokamoso jwa bone.E rile a tswa la gagwe, Kgosi Clerkson Molatole a kopa batsadi go nna bokao mo matshelong a bana ba bone.

Batsadi ba senya bana[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi Molatole o ne gape a kopa batsadi go lesa mokgwa wa go bipa mpa ka mabele nako tsotlhe fa bana ba bone ba dirile molato, mme ba ba tsise fa pele ga lekgotla ba tle go arabela melato eo. "Ke kgala ke sa boele morago mokgwa wa go sireletsa bana ba rona fa ba dirile molato, ka se se sa re busetsa sepe mo go ageng banana ba ba nang le boikarabelo." Mopalamente wa kgaolo, Rre Phillip Khwae, one a kopa banana go kopa thuso mo go ba boipelego fa ba na le mathata go na le go bolaana le go ikgapela matshelo.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Gantsi District

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]


Tempolete:Kgalagadi District Coordinates: 24°5′46″S 21°46′41″E / 24.09611°S 21.77806°E / -24.09611; 21.77806