Mabolokelo a ditso a lefatshe la Botswana

Go tswa ko Wikipedia
(2020)

Lefelo la Botswana National Museum le le itsegeng gape ka leina la National Museum and Art Gallery, le bonwa kwa toropo kgolong ebong Gaborone, ke lefelo le letona le le nang le manno aa kwa godimo aa nang le dingwe tse di dirilweng ka diatla tsa lefatshe , Motlobo wa dibuka le lefelo la maemo a kwa godimo,[1] pele fa re nankola tshimo ya ditlhare ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2007,[1] ditshupo tsa botswerere jwa ngwao ya Batswana le botlaki gape e itibagantse le go ipelela tiro ya batlaki ba mono.[1]

Lefelo la mabolokelo a ditso le itlamile go beeletsa lefelo la Tsodilo , ditso tsa ntlha tsa mono le boswa jwa lobopo,[[[10]]] go tsweng mo maitekong a mangwe.[[[13]]] Ke batlhokomedi ba lefelo la boitlapolosa la Tsholofelo , lefelo le kwa go boloketsweng "negro wa kwa Banyoles,"yo itsegeng ka leina la "El Negro" mo Botswana, go latedisa mmele go tswa kwa lefelong la mabolokelo a ditso a Darder mo Banyoles, kwa Spain.[2]

Lefelo le la mabolokelo a ditso le simolodisitswe ka ngwaga wa 1967 ka tshitiso ya molaomotheo wa Palamente mme wa bulelwa kwa setshabeng ka fa molaong ka ngwaga wa 1968. Lefelo la mabolokelo a ditso le ne le ipelela ngwaga tse di masome a mane ka ngwaga wa 2008 ka fa tlase ga mola oo reng "lefelo la mabolokelo a ditso e le badiredi ba phetlogo ya setho le ditlhabololo", e itshupa fa e dirisiwa ke lekgotlana la mafatshefatshe la mabolokelo a ditso.[3]

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Ditso di botlhokwa fela thata ka jalo di thusa dikokomane tse di tla tlang go itse ka tse di neng di diragala mo lefatsheng.Re tshwanetse go ithuta go boloka ditso le ngwao ka jalo seo se tlisa mowa wa boja mmogo fa gare ga batho le kutlwisisanya.Ditso tsa lefatshe di kgona go tlhabolola itsholelo ya lefatshe ka jalo bajanala ba rata go etela mo lefatsheng go tla go di bona.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Michler, Ian (2004). Botswana: The Insider's Guide. Struik. p. 159. ISBN 1868729966.
  2. Fforde, Cressida (2002). The Dead and Their Possessions. Routledge. p. 252. ISBN 0415233852. {{cite book}}: Unknown parameter |coauthors= ignored (|author= suggested) (help)
  3. Mogomotsi Moloi (2008-02-19). "Botswana: National Museum Celebrates 40th Anniversary". Mmegi/The Reporter. All Africa. Retrieved 2008-05-13.

Dikgolagano tsedi kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Coord missing