Maina a Dibanka tsa Botswana

Go tswa ko Wikipedia

A ke maina a dibanka tsa kgwebo tse di mo Botswana

  1. ABN AMRO[1]
  2. ABN AMRO Outside Banking Unit[2]
  3. BancABC[3]
  4. Bank of Baroda
  5. Bank Gaborone[4]
  6. Barclays Bank
  7. Capital Bank
  8. First National Bank
  9. Stanbic Bank
  10. Standard Chartered Bank

mosola wa go boloka madi[fetola | Fetola Motswedi]

Mokwaledi wa lephata la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo, Rre Solomon Sekwakwa o kopile Batswana go tsosolosa mowa wa go boloka madi go na le go jela mo ganong.Rre Sekwakwa o ntshitse kopo eo fa a bula moletlo wa letsatsi la Botswana Savings Bank la go rotloetsa go boloka madi kwa kgotleng ya Masunga semmuso bosheng.A re ba lemogile fa bontsi jwa Batswana ba dulwe ke mowa wa go boloka madi diatleng mme ba jela mo ganong, e re ba tlhagelwa ke mathata a tshoganetso e nne selelo le khuranyo ya meno.A re gore motho a kgone go boloka madi, ga go tlhokane le gore a bo a amogela madimadi mme bonnyennyane bope fela jo motho a ka tswang a bo dira, o tshwanetse a boloka bontlhanyana jwa jone go baakanyetsa isago.

Rre Sekwakwa o gwetlha batho go tlogela go dirisa madi a bone mo dilong tse di seng botlhokwa kgotsa di se na motlhala ope, a re go wela tlase ga itsholelo lefatshe ka bophara go ka nna ga baka tatlhegelo ya ditiro ka jalo bonnyennyane jo motho a nang le jone o tshwanetse a bo boloka go baakanyetsa seemo se se tlang.Mokwaledi o tsweletse a tlhalosa fa go boloka go tlhokana le go tsewa tsia ka jaana go na le seabe mo go fediseng lehuma mo bathong, a re puso e leka bojotlhe go tsosolosa mhama wa temo thuo, bogolo jang mo dikgaolong mme tsholofelo ke gore e re morago batho ba rekise thobo le bontlha bongwe jwa leruo la bone mme ba boloke lemmenyana kwa bankeng ya Botswana Savings.Rre Sekwakwa o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go boloka madi le go reka diabe, a bo a gakolola ba BSB go tiisa ipapatso ya bone mo bathong go rotloetsa mowa wa poloko ya madi mmogo le go tlhokomela badirisi ba ditirelo tsa bone.E rile a tlhalosetsa batsena moletlo oo ka maikaelelo a one, mogolwane wa tsa ipapatso wa banka eo ya Botswana Savings, Rre Harry Marks a re maikaelelo magolo ke go rotloetsa batho go boloka madi gore e re mpuru a faretswe ba kgone go itshwarelela ka sengwe.Mo moletlong oo go ne go na le metlaagana e kwa go yone batho ba neng ba tlhalosediwa ka ditirelo le ditsamaiso tsa banka eo, maikaelelo e le go isa banka eo kwa bathong.

Rre Marks a re ba bone go tshwanela gore ba nne ba rulaganya meletlo eo mo dikgaolong ka go farologana go gasa molaetsa wa botlhokwa jwa go boloka madi mo bathong. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa Botswana Savings Bank, Rre Landrick Sianga o ne tlhalosa fa BSB e le banka ya puso e thamilwe go tsaya karolo mo go rotloetseng setshaba gore se boloke.A re BSB e itlamile go tlhabolola Batswana gore ba kgone go tsaya karolo mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe leno, ka jalo a leboga ba Botswana Post lefatshe leno ka bophara go ba thusa gore ba kgone go diragatsa maitlamo a bone, a tlhalosa fa ope yo o tlhokanang le thuso ya BSB a ka e bona kwa posong nngwe le nngwe.Rre Sianga o ne a ba a tlhalosa ka mananeo a bone ka go farologana a a itebagantseng le matshelo a Batswana, a re e bile kwa bankeng ya bone go motlhofo gore bana ba bulelwe dibukana tsa go boloka.O gakolotse batho kgatlhanong le go baya dithebenyana tsa bone mo matlong, a ba kopa go bula dibukana tsa go boloka kwa BSB gore madi a bone a sireletsege mo bogodung e bile a dira morokotso, a re fa motho a boloka kwa go bone ga a kgethisiwe morokotso o a o itiretseng.E ne e rile a amogela baeng, kgosi Maruje III le ene a kopa batho go ikgolaganya le ba banka eo go boloka dithebenyana tsa bone gore ba kgone go itshetsa.

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Go somola fela thata go boloka madi ka gore go thusa motho go tsweledisa botshelo mo nakong e e tlang.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Maina a dibanka tse di mo Aforika
  • Itsholelo mo Botswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. ABN AMRO Opened First Branch in Botswana in 2009
  2. "Directory of Financial Institutions Licensed in Botswana" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-09-29. Retrieved 2011-12-16.
  3. ABC Bank Rebrands to BancABC
  4. "Bank Gaborone Homepage". Archived from the original on 2010-05-01. Retrieved 2011-12-16.

Tempolete:Economy of Botswana