Merwalela ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika ka ngwaga wa 2010–2011

Go tswa ko Wikipedia

Merwalela ya ngwaga wa 2010–2011 ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika ke merwalela e e diragetseng go kgabaganya mafatshe a a mo borwa jwa Aferika. E golagangwa le wa ditiragalo tsa La Niña, dipula tse di fetlileng selekanyo tse di simololang ka kgwedi ya Ngwanatsele di ne tsa baka merwalela. Makgolokgolo a batho a ne a sutlisiwa go ntse go tsweletse. Mme batho ba ka tshwara lekgolo, lesome le bone go ne ga tlhalosiwa fa ba tlhokafetse, go akarediwa ba le lesome le boferabobedi le boferabobedi kwa KwaZulu Natal.[1][2][3][4][5][6] Puso ya Aferika Borwa e ne ya tlhalosa fa go nale lefelo le le nag le mathata .[3]

Kgankgolo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Morule ngwaga wa 2010, seru sengwe se se itsegeng ka leina la La Niña se ne sa tlhagoga ka koketsego ya pula e e neleng mo borw jwa Aferika.[7] Ditiragalo tse di tshwanang le tsa La Niña di diragaletse mafatshe a le mantsi lefatshe ka bophara, go akarediwa la Australia, Sri Lanka, Brazil, Pakistan le Philippines.

Aferika Borwa[fetola | Fetola Motswedi]

Mo Aferika Borwa dipalo tse di fetlang 6,000 tsa batho di ne tsa fudusiwa gape ba ka tshwara masome a bosupa ba tlhalosiwa ba tlhokafetse .[4][7] Dipalo di solofetswe go oketsega ka mapodisiba tsweletse ka go batla bao ba ba sa bonweng.[8] Mafatshe a tshwara boferabobedi mo dikgaolong tse di boferabongwe go sa tswa go tlhalosiwa fa go nale mathata a mofutla o, se se tlama gore madi a lefatshe a dirisiwe go thusa batho.[4][5] Ditshenyegelo tsa dijwalo di akanyediwa go ka nna R1 billion ($145 million USD).[9] Fa ditshenyegelo tsa dithoto di akanyediwa go ka nna $52 million.[4] Kakanyetso ya selekanyo sa 20,000 hectares (49,200 acres) ya lefatshe le go lemelwang mo go lone e sa tswa go amiwa ke merwalela.[10]

Difofane tsa sesolel sa Aferika Borwa di ne tsa tlisiwa go thusa mo phudusong ya banni ka difofane mo kgweding ya Ferikgong a tlhola lesome le botlhano.[8] Mo posolotsong tona yo otlisang tirisanyo mmogo mo pusong ebong Sicelo Shiceka, o ne a tlhalosa gore batho ba ba fudusitsweng kwa malapeng a bone ba seka ba boela teng go fitlhelela ba fiwa teta ke baitsanape.[4]

Mozambique[fetola | Fetola Motswedi]

Bophara jotlhe jwa lefatshe la Mozambique, digakolodi di ne tsa romelwa mo dinokeng tse di mo lefasheng. Palo di ka tshwara 13,000 tsa batho ba ne ba fudusiwa fa ba le 13 ba sa tswa go tlhokafala.[5] Ka go tshaba poeletso ya merwalela ya ngwaga wa 2000 ya Mozambique banni botlhe ba ba nnang fa lotshing la noka ya Limpopo ba ne ba simolola go utla ka Ferikgong a tlhola lesome le boferabongwe jaaka noka e ne e simolola go tshela ka seemo se se tsitsibanyang mmele. Mo mafelong mangwe,metsi a mo dinokeng a ne a santse a apesitse le matshitshi ka metsi, a a neng a pesa le dimela. Go ya ka mookamedi wa kgaolo ya Chokwe /0} ebong Alberto Libombo, o ne a tlhalosa gore koketsego ya metsi a dinoka e ka tswa e bakiwa ke gore matamo a ne a tletse phetelela mme morago a kgwele mo dinokeng tseo [11]

Mafelo a sele[fetola | Fetola Motswedi]

Mo Zimbabwe, mafelo amngwe a ne a nna le dipula tse di kwa godimo go fetla mo dingwageng tse di masome a mararo, mme se sa tlisa poifo ya gore gongwe merwalela e ka ne ya nna ya tlhagoga. Mookamedi wa lekgotlana la tshireletso ebong Madzudzo Pawadyira o ne a tlhagisa batho go fuduga mo mafelong a a ka tswang a ka amega motlhofo.[9] Mo go tshwaneng ka mmo gape dipula di ne tsa tshosetsa le kwa lefatsheng la Zambia gape le Malawi; mme ga go ise go itsewe gore a mme merwalela e ne ya ama mafatshe a.[4]

Mo borwa jwa Botswana, diketekete tsa batho ba di ne tsa tshosediwa ke go anama ga metsi a a neng a ka apesa mtsana ya bone. Dinoka tse pedi ebong ya Shoshong le ya Mpolonyane, di ne di tlhatsetsa fa matshitshing a tsone. Ditiro tsa letsatsi di ne tsa kgaopediwa fa gare ga Shoshong le Kalamare mme se sa tlama dikolo go tswalelwa.[12] Bontlha jwa Namibia bo ne jwa lebagana le merwalela le yone, mme puso e ne ya tsaya tsibosa e e rileng ,morago ga merwalela e e filileng mo dingwageng tse tharo , e e ileng ya ama bontlha bongwe jwa lefatshe.[13]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Zimbabwe South Aferica Zambia Namibia

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. AFP, iAfrica (24 January 2011). "Flood death toll hits 123". iafrica.com. Archived from the original on 27 January 2011. https://web.archive.org/web/20110127190149/http://news.iafrica.com/sa/700739.html. Retrieved 24 January 2011. 
  2. Reporter, Staff (January 23, 2011). "Five killed in Masvingo floods". New Zimbabwe. Archived from the original on 24 January 2011. https://web.archive.org/web/20110124231204/http://www.newzimbabwe.com/news-4315-Five+killed+in+Masvingo+floods/news.aspx. Retrieved 24 January 2011. 
  3. 3.0 3.1 Smith, David (24 Ja nuary 2011). "South Africa flood death toll rises as government declares 33 disaster zones". The Guardian. http://www.guardian.co.uk/world/2011/jan/24/south-africa-flood-death-toll. Retrieved 24 January 2011. 
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 4.4 4.5 Staff Writer (January 18, 2011). "South Africa declares flood disaster". BBC News. Retrieved January 19, 2011.
  5. 5.0 5.1 5.2 Donate A Goat (January 18, 2011). "Floods in southern Africa claim over 50 lives". Sify. Retrieved January 19, 2011.
  6. Staff Writer (January 23, 2011). "South Africa flood death toll hits 70". PressTV (Iran). Archived from the original on January 27, 2011. Retrieved January 23, 2011.
  7. 7.0 7.1 Nkepile Mabuse (January 18, 2011). "Officials say 40 killed in South African floods; more rain predicted". CNN. Retrieved January 19, 2011.
  8. 8.0 8.1 Staff Writer (January 15, 2011). "At least 40 dead in South Africa floods". United Press International. Retrieved January 19, 2011.
  9. 9.0 9.1 Brian Latham and Nelson Gore Banya (January 19, 2011). "Zimbabwe Issues Flood Warning as Rains Sweep Southern African Nations". Retrieved January 19, 2011.
  10. Mike Cohen (January 18, 2011). "South Africa Says Flood Death Toll Rises to 40". Bloomberg Businessweek. Retrieved January 19, 2011.
  11. Staff Writer (January 19, 2011). "Limpopo Above Flood Alert Level". All Africa. Retrieved January 19, 2011.
  12. Booster Mogapi (January 19, 2011). "Botswana: Floods threaten Tswapong". Government of Botswana. ReliefWeb. Retrieved January 19, 2011.
  13. Felix Njini (January 14, 2011). "Nam ready for floods". The Southern Times. Archived from the original on January 18, 2011. Retrieved January 19, 2011.

Borwa