Mochudi

From Wikipedia
Jump to: navigation, search
Location of Mochudi in Botswana

Mochudi ke toropo la Botswana. Mochudi ke motse mogolo wa Bakgatla-ba-ga-Kgafela,mo kgalong ya Kgatleng.Ke mongwe wa motse o banni ba teng ba ipeelang ka ngwago ya bone.Ona le palo ya batho ba ka tshwara masome a mane a dikete.Motse o,o kwa bokone-botlhaba le dikilometara di ka tshwara masome a mararo le bosupa go tswa mo toropo kgolo Gaborone.motse o o sekgele sa dikilometara di sekae go tswa mo tsele kgolo ya Gaborone-Francictown,o ka bonwa ka go fapogela kafa motsaneng o gotweng Pilane.

Mochudi one wa tlhomiwa ke batho ba letso la Tswana ka ngwaga 1871.

Tsa Bojanala[baakanya | edit source]

Motse wa mochudi

Matlho otlhe a bajanala mo Mochudi a felela mo motlhobong wa ditso wa Phuthadikobo oo mo godimo ga thaba.Motlhobo o wa ditso ona le ditshwantsho le mekwalo e megologolo ee buang ka tshimologo ya Bakgatlha.O a gilwe mo dikagong tse pele eneng ele tsa sekolo sa ntlha mo Mochudi,jaaka ele bosupi go tswa mo ponetshegong ya kwa ntle .Go bapa le teng ke enngwe ya terekere ya ntlha gonna ya Motswana.Motlhala wa lonao le letona le mong wa lone eleng Matsieng,mogaka le modimo wa batho ba letso la Tswana,yo aneng a eteletse batho ba gagwe le diphologolo mo legareng la lefatshe go gapa lefatshe ka bophara.Mochudi o tlhwaelesegile ka matlo a setswana aa takilweng leka jeno kgotla ya setswana esantse ele teng . Gole go ntsi ks Bakgatla go ka bonwa mo:David Suggs'enthnography entitled "A Bagful of Locust and the baboon Woman :construction of Gender ,change ,and Continuity in Botswana.

Ditso[baakanya | edit source]

Mochudi ke motse mogolo wa Bakgatla, ba ba tlholegang totatota kwa lefatsheng la Aferika-Borwa. Bakgatla ba ne ba siela mo lefatheng la Botswana ka ngwaga wa 1871 morago ga go tlhaselwa ke maburu ba gapa ditsha tsa bakgatla. Ka nako ee Bakgatla ba ne ba bona bonno fa thabeng ya Phuthadikobo mabapi le noka ya Ngotwane. Fela ujaaka metse e mengwe mo Botswana Mochudi ke mongwe ya metse e nang le dikago tsa matlo a a tlhabologileng le a segologolo a supang ngwao ya bone. Dikgosi tsa Mochudi e bong Kgosi Linchwe Khamanyane Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1875 go fitlhelela ngwaga wa 1924 le Kgosi Molefi Kgafela Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1929 go fitlhelela1958 ba ne ba boloka gautshane le kgotla gone mo motseng wa Mochudi. Kgotla ya Mochudi e bapile thata le tsela e e tswelang kwa thabeng ya Phuthadikoko, phuthadikobo ke ngwe ya mahelo a bojanala e bile e le lehelo le le nonotshang ditso tsa le fatshe la Botswana. Museum kgotsa Motlobo wa ditso le matlotlo a Botswana o na le ditswantsho tse di supang fela sentle ngwao ya Bakgatla le ditso tsa bone. Dingwe tsa ditshantsho tse di supa bomme ba bopa,dikgosi le dingaka tsa setso di rapelela pula,basetsana le basimane ya ko sekoleng sa bogwera le bojale le mekgabiso ya mantlo.

Mafelo a kgatlhisang[baakanya | edit source]

The National Archives UK - CO 1069-204-15.jpg

Nngwe ya dikole tsa ntlha go agiwa mo motseng Mochudi ka ngwaga wa 1921 ne se agile ke Rre Regent Isang Pilane. Sekole se ke sone sa ntlha go naya bana dithuto tsa sekole se segolwane e bong(secondary education). Ka ngwaga ya 1976 sekole se ne sa fetolwa Motlobo wa ditso le matlotlo(Museum) ebile se na le ditswhantsho tse di kgatlhisang tsa moitsanape yo o itsegeng lefatshe ka bophara e bong Professor Isaac Schapera yo o neng a le tlhaga thata ka go itse ngwao le botshelo jwa Batswana mme Rre Professor Isaac Schapera o ne a tlhokahala ka ngwaga wa 2000. Lefelo le lengwe le le kgatlhisang thata mo motseng a Mochudi ke kereke ya Deborah Retief Memorial Church e e agilweng ka ngwaga wa 1903 le mo bogompienong e ntse e mo tirisong.

The National Archives UK - CO 1069-202-5.jpg

Dikgoge[baakanya | edit source]