Moepo wa Diteemane wa Letlhakane

Go tswa ko Wikipedia
Letlhakane diamond mine
Location
Country Botswana
Production
ProductsDiamonds (1.1 million carats in 2003)
History
Opened1975
Owner
CompanyDebswana

Moepo wa Letlhakane wa diteemane o mo bophirima jwa toropo ya Francistown mo Botswana. Letlhakane go tewa matlhaka a mannye, o okametswe ke ba Debswana ba o tshwaraganetse le ba kompone ya De Beers le goromente wa Botswana. Ke moepo wa bobedi mo go e megologolo e mene e e okametsweng ke kompone, o simolotse go bereka ka ngwaga wa 1975.

Letlhakane ke moepo fela o o mosima o o bulegileng yo go berekelwang teng. Moepo o ntsha matlapa a teemane a e leng gone a epiwang ale diketekete dile tharo le borataro (3.6 million) ka ngwaga, mo godimo ga moo le matlapa a le diketekete dile di le lesome le botlhano a a senang mosola. Ka ngwaga wa 2003 moepo wa Letlhakane o ne wa ntsha diteemane tsa diketekete di le lekgolo le borataro tsa dikarata le bokete jwa lekgolo le lesome le bobedi (212kg). Letlapa le le lengwe kwa moepong ke la dikarata tsa bo 0.26 le bokete jwa bo masome a matlhano le bobedi (52mg). Mafelo a a itseweng a tla tsweledisiwa mo dingwageng tse di le lesome le bongwe tse di latelang.

Letlapa la teemane le e leng gone le epiwang le tlhabololwa kwa moepong o o mabapi wa Orapa wa diteemane o o seng kgakala. Moepo wa Letlhakane o okametswe gape ke ba moepo wa Orapa.

Mosola wa ditswa mmung[fetola | Fetola Motswedi]

Meepo ya Orapa. Letlhakane le Damtshaa e ntsha diteemane tse dintsi go feta meepo epe fela mo lefatsheng ka bophara. Se se jesang monate ke gore moepo wa Debswana kwa Jwaneng. One o ntsha diteemane tse di tlhwatlhwa kgolo go na le ya diteemane dipe fela mo lefatsheng. Ka bokhutshwane, lefatshe a Botswana le ipelafatsa ka gore ke lone le nang le diteemane tse dintsi ebile e le tsa tlhwatlhwa-kgolo lefatshe ka bophara. Segolo bogolo, diteemane tse di dirisiwa go tokafatsa matshelo a batho ba lefatshe leno. Gammogo le go tlhabolola seemo sa itsholelo.

Mogojwa o gateletse gore ke lone lebaka le, le le pateletsang gore go tlhongwe kwa pele methale ya motia ya go babalela ditswa-mmung tse, e sere gongwe dirukutlhi tsa tloga tsa ntsha Orapa kwa ga mmapereko.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Lethlakane

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

[1]

  1. www.kutlwano.com/a-re-ye-Letlhakane-mine/ -