Moiyabana

Go tswa ko Wikipedia
Moiyabana is located in Botswana
Moiyabana
Location of Moiyabana

Moiyabana ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse wa Moiyabana o sekgele sa masome a matlhano borwa-bophirima jwa Serowe, gape motse o o nale dikole tse di potlana le tse dikgolwane ga mmogo le kokelwana. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne ele 2,619.

Kgosi e tsosololsa ngwao[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi ya Moiyabana Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana a re fa e sale go bolodiwa mephato mo Gammangwato ngogola ka kgwedi ya Phukwi ba tsweletse ka go dira ditiro ka mephato tsa go tsosolosa ngwao le go ithaopa, gore tshaba eno e ikgakologelwe e bo e itse fa go itirela ka boithaopo go le molemo. O buile jalo le ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolosong kwa Serowe, a bolela fa mophato o tsweletse ka go aga ntlo ya setso mo sekolong se se botlana sa motse oo, e e tla agwang ka mmu le bojang ja Setswana e tswalwa ka setlatla.A re maikaelelo ke go tla go tsenya didirisiwa tsa bogologolo jaaka jokwe, sesigo, matlalo ditlatlana le tse dingwe go ruta basha ka botshelo jwa pele gore ba tlhaloganye tse di neng di dirisiwa bogologolo.A re ba tsweletse ka go kgobokanya dikhwaere ka go lebega di nyeletse, mme ba tlhamile khwaere e le nngwe le mmoki. Kgosi a re maikaelelo ke go ipaakanyetsa letsatsi la boipuso jwa ngwaga eno.

Kgosi Kgomokgwana a re ba ikaelela gore ka Motsheganong ba phuthegele mo kgotleng ya motse wa bone wa Moiyabana go tla go tsosolosa ngwao ka metshameko ya bogologolo.A supa gore bagolo ba motse le badiragatsi ka go farologana ba tlaa rotloetsa ba bo ba supa gore tatedi ya madi e ditsela dintsi.E rile a bua ka matshwenyego a motse wa bone, a re seru se se ba wetseng mo motseng oo ke go timela ga batho ba e bileng e ne e le balwala tlhaloganyo.A re mme ba sale ba timetse ngogola go fitlhela le gompieno ga ba ise ba bonwe.O supile gore go tlhoka tlhokomelo ya balwetsi ba mohuta oo, a kopa botsadi jwa balwetse ba go ba tlhokomela.Kgosi a re o tshwenyegile thata ka banni ba motse wa gagwe ba ba sa tsibogeleng pitso ya kgosi mo kgotleng fa ba bilediwa go ya go batla motho yo o timetseng, a ikuela mo banning ba motse oo gore a ba thuse fa go le botlhoko kwa go yo mongwe gore ka moso le bone ba thusiwe[1].


Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]