Moshupa

Go tswa ko Wikipedia

Moshupa ke motse o motona o o kwa kgaolong ya borwa jwa lefatshe la Botswana, o na le palo ya batho ba le dikete di le masome a mabedi le lesome le borataro go ya ka palobatho ya ngwaga wa 2011.[1] Batho ba ba agileng kwa Moshupa ba bidiwa Bakgatla-ba-ga Mmanaana, morafe o o fitlhelwa gape kwa motseng wa Thamaga. Bone le Bakgatla-ba-ga Kgafela ba kwa motseng wa Mochudi, ba gorogile mo kgaolong eo go tswa kwa Transvaal kwa Aforika Borwa ka dingwaga tsa 1800.[2]

Motse wa Moshupa o itsege ka dithaba tse dipharologanyo ebile di le ditona tse majwe a tsone a itshupang, tse gantsi batho ba di gakgamalelang. Majwe a matona a a tlhatlagane mo le beng gae ba ipotsang gore ke eng a sa we. Go dumelwa gore a wa fela fa kgosi ya motse e tlhokafala, e le sesupo sa botlhodi.[3]

Kgosi wa motse wa Moshupa ke Kgosi Kgabosetso Mosielele. Kgosi mo nakong ya gompieno o direla kwa kgotlatshekelong ya bogosi, mme monnawe ebong Kgosi Oscar Mosielele ke ene a mo tshwareletseng bogosi jwa motse.Jaaka go tlwaelesegile mo Botswana, lefoko Kgosi le dirisiwa e le maemo a a tlang pele ga leina la ga Kgosi.

Lefelo[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le dinoka di le tharo tse di raletseng motse wa Moshupa, noka ya Mosope, Hatshelatladi (Gatsalatladi) le Monaamme le ya Kolwane kwa bokone jwa motse. Noka ya Mosope e itsewe e le kwa go nnang teng noga e e bakang sefako le mokaloba wa mo Aforika o o bidiwang Matizo kgotsa se ja banyana. Banni ba motse ga ba ke ba tlola noka ya Mosope bogolo jang bosigo kwa noka e e kopanang teng le dithaba tsa Phuting kgotsa Kgosing ka ba tshaba noga le sepoko sa kgosi ya bogologolo se se tlhorontshang. Lefelo le le le bidiwang Lefikeng kgotsa Hikeng le na le majwe a a tlhatlaganeng mo lotshitshing lwa noka le mogobe kwa tlase ga lone. Le ntswa beng gae ba seke ba atamela lefelo lo, baeng ba etela lefelo leo, bogolo jang batho basweu ba bajanala le baithaupi ba Peace Corps, se se dira gore beng gae ba dumele gore noga e e fetoga go nna noga e e ditlhogo tse pedi e e gakgamatsang.

Dikago le didirisiwa tsa sechaba[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le dikolo tse dipotlana di le thataro, tse di fa gare di le tharo, le se segolwane se le sengwe fela sa Moshupa senior secondary school. Fa godimo ga foo go na le dikolo tsa bana ba bannye di le mmalwa le lefelo la tlhokomelo ya bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Sekolo sa ithutelo ditiro tsa diatla (Moshupa Brigade) se rutela dikgwebo, le dithuto tsa bokwaledi go na le dithuto tsa maitseboa.

Motse wa Moshupa o na le diofisi tsa khansele kwa bokone tse di eteletsweng pele ke modulasetilo wa khansele potlana le mokwaledi

Mo go tsa botsogo, go na le dikokelo di le tharo tse di nang le baoki ba ba theogelang tsatsi lotlhe le dingaka tse di etang go belegisa le go tlhokomela balwetsi ba nakwana. Kokelwana e e isa balwetsi kwa sepateleng sa Kanye kgotsa kwa sepateleng sa Thamaga. Go agiwa sepatela kwa Moshupa go simolola ka ngwaga wa 2023 se se solofetsweng go simolola go bereka ka ngwaga wa 2024. Nngwe ya di tlhabologo tse disha kwa Moshupa ke kgolegelo ya bana kwa bophirima.

Baagi[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Moshupa jaaka e mengwe mo Botswana, o kgaogantswe ka dikgotla. Dikgotla tse ke Kgosing, Nakedi, Phuting, Kgope, Maradung, Thupelo, Mmapholana, Mmaditswere, Nkaikela, Mmamohuhumedi, Rungwana, Modimele, Sau, Jerusalem, Mokakaneng, Mogaung, Maunatlala, Dibotong, Mmaseetsele, Lepapeng, Ntle ga Majwe le dikgotla tse dingwe tse di oketsegang fa motse o ntse o gola. Kgotla nngwe le nngwe e na le kgosana.

Motse wa Moshupa ke one wa bofelo o Bakgatla ba Mmanaana ba fudugetseng mo go one morago ga ntwa ya Dimawe. Lefelo le ka tswa le tlhophetswe go iphitlha ka dithaba kgotsa go nna teng ga metsi a noka ya Mosope. Ka nako ya mathata a a neng a tlhagoga ka nako ya puso ya ga Kgosi Bathoen II wa Bangwaketse, motse o ne wa kgaogana, Kgosi Gobuamang (I) Mosielele a fudugela kwa Thamaga ka ngwaga wa 1934 ka fa tlase ga puso ya Bakwena. Ka jalo lolwapa lwa bogosi lo ne lo nna kwa Thamaga le magosi a mangwe a Moshupa jaaka Ramputswa Mosielele le Diratsame Gobuamang II ba ba neng ba tswa mo lolwapeng lwa bogosi.

Bodumedi[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le palo e ntsi ya bakeresete kwa Moshupa. Ba ba tlwaelesegileng thata ke ba United Congregational Church ya kwa Aforika Borwa, Seventh day Adventist Church, Assemblies of God, Apostolic Faith Mission, Roman Catholic, Zion Christian Church le Indian Pentecostal Church of God. Nngwe ya dikereke tse dikgologolo ke Mothowagae Church e e simolotsweng ka ngwaga wa 1903.[4]

Tsa ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Moshupa o nniwa thata ke Bakgatla ba ga Mmanaana, o na gape le merafe e e nweletseng mo motseng fa o ntse o gola. Kwa borwa bontsi jwa batho ke Bangwaketse, kwa bophirima ke Bakgalagadi, kwa Phuting go dumelwa fa baagi ele Bangwato ke ka jalo kgotla e bidiwang Phuting go tswa mo leineng la phuti e e leng sereto sa Bangwato. Batho ba kwa Mogaung go dumelwa e le Bangwaketse.

Go na le palo e e bonagalang ya batho ba lotso lwa Seburu kwa kgotleng ya Maburung ba ditso tsa bone di tswang kwa Aforika Borwa kwa Kapa le kwa Netherlands. Ba ba itsegeng thata ke ba malwapa a Stegling le Ludick. Gantsi ba bidiwa Maburu le ntswa lefoko le o le nyenyafatsa. Lefoko leo le tswan mo lefokong la 'Boers' la puo ya Dutch le le rayang balemi barui ka baagi ba Netherlands ba ne ba tlwaelesegile ka temothuo. Batho bantsho (Xhosa, Swati, Zulu) le Sotho-Tswana ba dirisa lefoko le.


Go na le bagwebi go tswa kwa legareng la botlhaba la India ba jaanong e leng Batswana le ntswa ba na le batho ba bone. Moshupa le Ramotswa ke mafelo mangwe a ntlha a batho ba India ba thibeletseng mo go one ka dingwaga tsa 1880. Mogwebi ebile e kile ya nna leloko la Palamente rre Satar Dada o na le losika kwa Moshupa.

Madirelo[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le le dikologileng motse wa Moshupa ke la temo ya dijalo le mafulo a dikgomo, mafulo a a fudisitswe phetelela,ka jalo ga go sa tlhole go na le mafulo. Go na le palo e e bonagalang ya barui ba dikoko ba ba rekisetsang banni. Kgwebo ya thekiso ya dikoko e na le dipoelo thata mo motseng wa Moshupa. Go na gape le tshimo ya merogo mo mmung o o bokgola o o mo lotshitshing lwa noka. Go jalwa morogo, ditamati le merogo e mengwe. Bontsi jwa merogo e rekiwa go tswa kwa mafelong a sele ka motse wa Moshupa o omeletse mo o ka sekeng wa lemelwa go jesa motse.

Motse wa Moshupa ga o na toropo ya marekisetso mme o na le mabentlele a a gasameng le tsela ya konokono,a rekisa dilwana go simolola ka tsa ka ko teng, dijo, didirisiwa tsa kago le dilwana tsa ntlo. Lebentlele le go bakiwa borotho kwa go lone, le rekisetsa barekisi le dikolo tsa motse. Go na le palo ya dikgwebo tsa meriri e e oketsegang ka nako ya moletlo wa botsalo jwa Jeso. Go na le palo e potlana ya ba ba thulang ditshipi le ba ba rekisang ditshipi tse di dirisiwang mo diphupung. Ditirelo tse di tshwanang le go baakanya diphaepe tsa metsi, go aga ka ditena le go gokela motlakase di dirwa ke batho ka bongwe ka bongwe kwa ntle ga tetla epe.

Fela jaaka metse e mengwe mo Botswana, tlhabologo e laolwa ke ditlhopha tsa baithaopi le mmasepala e bong komiti ya ditlhabologo (Village Development Committee). Ba itebaganya le mananeo a mabotlana a a sa tlhokeng baiteanape jaaka boroko le go tlhokomela go kgabisa naga.

Polotiki[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le diphathi tsa polotiki di ka nna supa tse di le teng kwa Moshupa. Phathi e eleng mo pusong ke ya Botswana Democratic Party (BDP)

Mopalamente wa Moshupa ke motlotlegi Karabo Gare le tautona Dr. Mokgweetsi Keabetswe Eric Masisi, o e leng monni wa Moshupa e bile e le ene tautona wa lefatshe. Mo go tsa tatelano ya sepolotiki, Hon. Masisi ke ngwana wa moplamente wa ntlha wa Moshupa morago ga go tsaya boipuso Motlotlegi Mokgweetsi Eric Masisi o ne a na le mogolowe o neng a le mopapalamente wa kgaolo ya botlhopi ya Francistown West pele ga a tlhokafala ka 2013. O dirile dithuto tse di tseneletseng mo go tsa thuto, itsholelo.[5]

Le fa motse wa Moshupa e le mengwe ya metse e e mentle ka tebego mo lefatsheng,bojanala ga bo a tlwaelesega kwa motseng o o. Go na le lefelo la boroko le dijo tsa mo mosong kwa kgotleng ya Jerusalem. Go na le palo e ntsi ya marekisetso a nnotagi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Molemoeng, Timothy (2020). "2011 Botswana Population Housing and Census". Statistics Botswana (PDF). Retrieved 28/09/2023.
  2. Matemba, Yonah Hisbon (2000). "The BaKgatla ba ga Mmanaana split, 1934-36: The impact of the Biritish sub-Imperial rule in Botswana" (PDF). [the Botswana society]. Vol. 32 (2000): pp.44 - 46 – via JSTOR
  3. "Moshupa". Botswana Info Directory. Retrieved 28/09/2023.
  4. University of London Institute, 1968
  5. "Botswana Democratic Party". Archived from the original on 2011-07-06. Retrieved 2010-02-20.