Mothusa Tautona wa Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Mothusa tautona wa Botswana ke ene wa maemo a bodedi mo lefatsheng go tlhatlhama tautona goya ka puso ya Botswana.

Mothusa tautona o akgola babusa pele[fetola | Fetola Motswedi]

Mothusa tautona Lt Gen. Mompati Merafhe a re mananeo a konokono e bong la nyeletso lehuma le la tswakanyo ya itsholelo la (EDD) le mananeo a mangwe a le mokawana a dirile pharologanyo mo matshelong a Batswana ba le bantsi. Mothusa tautona o ne a rola molaetsa o mogolo kwa moletlong wa dijo tsa maitsebowa wa go keteka dingwaga tse di masome matlhano tsa phathi ya Domkrag ka Matlhatso.Mothusa tautona o ne a galaletsa tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama go bo a eteletse pele mananeo a go nna jalo, le ditsamaiso tse di akaretsang dintlha di le mmalwa tse di amang botshelo ja setshaba.Mothusa tautona o supile gape gore maitlamo a ga Tautona Khama a go direla Botswana ka boikanyego le tebelopele ke sekao sa se Batswana ba leng sone.Ka jalo a re Batswana ba kgona go thusa kgodiso ya itsholelo le go ikutlwa ba le bontlha bongwe ja yone.A re boeteledipele ja ga Tautona bo supa maitlamo a go fetola setshaba go nna se se tshwaraganelang maikarabelo, go neelana sebaka ga mmogo le go dira mmogo ka tshwaragano.Ka nako tsotlhe re tlaa tswelela re ntse re lebogela thata go bo o tse o tsweletse o direla phathi ya rona le setshaba ka matsetseleko a magolo, a e leng sekao sa boeteledipele ja gago ja tebelopele jo bo tiisang bontsi ja rona moko mo lefatsheng leno le kwa ntle, ga bolela Mothusa tautona.Ka fa ntlheng e nngwe Mothusa tautona o boletse gore e rile go tlhongwa ga lefatshe la Botswana ga simologa monaleseabe yo o botlhokwa mo mererong ya mafatshefatshe le kgaolo ya Borwa ja Afrika.

Lt Gen. Merafhe o bile gape a supa tshepho ya gore phathi ya BDP e tlaa tswelela e nonofela pele mo dingwageng tse masome matlhano tse di tlang le go ya kwa pele. Mothusa tautona o akgotse gape tautona wa pele Sir Ketumile Masire go bo a dirile lefatshe la Botswana la maemo a itsholelo e e fa gare mo teng ga ditso tsa lone tsa go nna le mauba a maleele le dikgwetlho tse dingwe tsa matshelo a batho mo nakong e e fetileng.O le mongwe wa marara a a thaileng lefatshe leno katlego e e melediwang mathe ke bontsi le thitibalo ya sepolotiki bontlha bongwe di ka amnngwa le boeteledipele ja gago jo bo nonofileng, a tlhalosa.Lt Gen. Merafhe o bile a akgolela tautona wa boraro wa Botswana Rre Festus Mogae bogogi ja gagwe jwa botswerere mo tsamaisong ya itsholelo ya lefatshe leno le mananeo a tlhabololo ya setshaba.O akgotse Rre Mogae go bo e nnile mongwe wa ba ba gogileng mo go rulaganyeng katlego ya itsholelo ya Botswana go simologa a le modiredi wa tsa itsholelo, go fitlha a ya go rola tiro e le tautona.O ne wa goga itsholelo ya Botswana ka bokgoni jo bogolo,, a bolela.O lebogetse leeto la ga tautona wa Tanzania Rre Jakaya Kikwete le molaetsa wa gagwe wa kemonokeng mo go ba BDP gammogo le seabe sa gagwe se se tiileng mo tlhabololong ya Afrika a tshwere ditiro tse di farologaneng.Tautona Kikwete ke mongwe wa ditona tsa merero ya tsa mafatshe a sele ba ba dirileng tiro ka lobaka le ka bonokopila mono Aferika. Mothusa tautona Merafhe o bile a tlotla go nna teng ga mothusa tautona wa Aferika Borwa Rre Kgalemang Motlanthe e le sekao sa ditso tse di tswang kgakala di tshwaragantse mafatshe oo mabedi a e bileng a tshwaragantswe ke maitlamo a le mangwe le tebelopele.Re le phathi re tiisiwa moko ke kemonokeng ya barwa rraarona e bile e le ditsala go tswa mo mafatsheng a re bapileng nao ba ba ipelang le rona gompieno, ba tirisano ya rona le bone e leng ntle fela thata e itumedisa[1].

Mothusa tona o abela batlhoki[fetola | Fetola Motswedi]

Mmmuso o rotloetsa Batswana go abela batlhoki, jaaka lenaneo la sechaba la tebelelopele, Vision 2016 le re Tshaba eno e nne e kutlwelano botlhoko, e kgathala le go lekalekanya botlhe.Fa a aba dikobo kwa ofisisng ya kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye ka Labone Mothusa tautona Lt Gen. Mompati Merafhe o boletse gore go botlhokwa go thusa ba ba dikobo dikhutshwane bogolo jang mo marigeng.A re o ne a swetsa go thusa batho ba kgaolo ya gagwe ka a itse gore bangwe ba mo letlhokong le legolo.

Lt Gen. Merafhe a re maikaelelo ke go rotloetsa Batswana go nna le kutlwelo botlhoko mo go babangwe.Mothusa Tautona yo gape e leng mopalamente wa Mahalapye Bophirima a re mpho eo e kgonagetse ka thuso ya ga Rre Satar Dada wa Motor Centre yo o ntshitseng dikobo di le 150.Tona Merafe a re le fa dithuso di seke di lekana, gone batho ba ba fiwang dimpho tse ba tlaa nna le sa go ikatega mo serameng. Lt Gen. Merafhe a re dithuso tseo di tlaa thusa thata go fokotsa lehuma, mme ke sone go leng botlhokwa go thusa batho ka letlhoko la bone le le farologanang.A re go fa babangwe e tshwanetse go nna boikarabelo ja botlhe. Modulasetilo wa VDC, Mme Baareng Raphane le moduasetilo wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Moatshe Senai o boletse gore dikobo tseo di tlaa thusa ba ba babaletsweng thata ke serame[2].

Bopelotlhomogi konokono[fetola | Fetola Motswedi]

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, ebile ele mothusa tautona Lt Gen Mompati Merafhe, o gwetlhile setshaba go tswelela ka go diragatsa tse dintle tse di direlwang batlhoki.Mothusa tautona o boletse se ka bofelo jwa beke kwa Mahalapye kwa moletlong wa go abela Rre Mathe Mokunga ntlo ya kamore tse pedi, e a e agetsweng ka boithaopo ka dikgakololo le thotloetso ya ba komiti ya ditlhabololo ya TIDIMA kwa Mahalapye.O boletse fa go nna le fa motho a latsang tlhogo teng go le botlhokwa ka setho, ke ka moo maiteko a tshwana le a a dirilweng ke ba TIDIMA a tshwanetse go akgolwa,a ba a rotloediwa.

Rre Merafhe o boletse fa go le lesego letsogo le le fang, mme a bolela fa puso le yone e dira ga yone go thusa go agela ba ba dikobo di magetleng matlo.Ka lenaneo le puso e setse e agetse batlhoki matlo a le 94.O bile a tlanyatlanyetsa batsena moletlo ka ditiro tse morafe o di dirileng ka boithaopo, di akaretsa kago ya lefelo la itloso bodutu la bana le go dirisitsweng go feta sedikadike sa pula mo go lone.E rile a ema batho ka lefoko mokhanselara wa kgaolo Mme Maria Segwabe a bolela fa ba tlile go tswelela ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka boithaopo.O tlhalositse fa ba le mo lenaneong la go sekaseka ba bangwe gape ba ba ka agelwang mantlo[3].

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mahalapye Lt. Gen. Mompati sebogodi Merafhe


Maina a bathusa Tautona ba Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

Baeteledipele Lobaka mo tirong
Otsene mo Maemong O dule ka ngwaga wa
Quett Masire 1966 1980
Lenyeletse Seretse 1980 1983
Peter Mmusi 1983 1992
Festus Mogae 1992 1998
Ian Khama Seretse Khama 1998 2008
Mompati Merafhe 2008 2012
Ponatshego Kedikilwe 2012 2014
Mokgweetsi Masisi 2014 2018
Slumber Tsogwane 2018 Yo santseng ale teng

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Botswana
    • Baeteledipele ba lefatshe la Botswana
    • Beteledi pele ba puso ya Botswana
    • Babusi ba maloba ba Lefatshe (Bechuanaland)
  • Maina a ditautona tse di santseng dile mo setilong
  • Maina a ba ba santseng bale mo ditilong

Tempolete:Vice-Presidents of Botswana

Information iconPego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.