Motse wa Molalatau

Go tswa ko Wikipedia
Motse wa Molalatau is located in Botswana
Motse wa Molalatau
Location of Molalatau

Molalatau ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa kwa botlhaba jwa nko ya Botswana, mo teng ga sekgele sa dikhilomethara tse di makgolo le Zimbabwe gape le Afrika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001, palo tsa batho di ne di le sekete makgolo a supileng le metso e robang bobedi le boroba bobedi (1,788) . Ga gona sepe se banni ba ikaegileng ka sone go tsholetsa itsholelo ya bone ka gore ke balemi ba ba lemelang go itshetsa.

Molalatau o biditswe ka leina la noka e e fetang mo bokone jwa motsana gape e bonwa mo sekgeleng sa dikhilomethara tse di masome a mabedi go tsweng motseng wa Bobonong yo o eleng one o o fang ditirelo mo kgaolong e ya Bobirwa. Banni ba Molalatau ke Babirwa, ba ba buang puo ya Sebirwa. Ditso di supile gore ka tlholego Babirwa ba ba Molalatau ba tswa kwa botlhaba jwa nko ya lefatshe. Bontlha jo jwa lefashe, ke lefelo le dinoka tse ditona tsa Motloutse le Limpopo di kopanelang teng. Batho ba motsana o, ne ba pateletswa go tswa mo lefelong go neela kompone ya British South Africa lefatshe go direla mo go lone, le go atlolosa ditirelo tsa yone. Phudugo e, ene ya dirwa ke ba Mmamosadinyana ka ketelelopele ya Kgosikgolo wa ntlha wa Bangwato eleng Khama III.

Batho ba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi Malema morago ga go nna le dikgogakgono le puso ya barongwa ba ga Mmamosadinyana e direla go tsweng Serowe.

Ditirelo dingwe di tla seegelwa fa thoko[fetola | Fetola Motswedi]

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi o tlhalositse gore ka mabaka a kwelo tlase ya itsholelo, ditiro dingwe tsa ditlhabololo di tlaa seegelwa fa thoko lefatshe ka bophara, go balelwa le yone kgaolo ya Bobirwa. Honourable Kgathi o buile gore mafatshe a neng a reka diteemane tsa lefatshe la rona, le o ne a amilwe ke kwelo tlase ya itsholelo, mo seemo se se ka nnang sa felela se bakile go kgaolwa ga babereki mo ditirong ka go farologana. Lefa gontse jalo, mopalamente o ile a bua gore e tlaare fa seemo sa itsholelo se ka tokafala, ke gone ditirelo tse di neng di amegile ditla boela mannong. O ile a re ntswa tse dingwe ditla emisiwa pele, tse dingwe jaaka kago ya letamo la Thune ditla tswelela.

Tona a re go setse go simolotswe go agiwa matlo a bodiredi jo bo tlabong bo dira yone tamo e. Go betlwa ga tsela ya Bobonong - Tsetsebye le gone go akareditswe mo goreng go dirwe. Rre Kgathi yo a neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Motlhabaneng, Mathathane le Molalatau, o boletse fa go le botlhokwa gore setshaba se nne le seabe mo ditlhabololong le go thusa go atolosa itsholelo go na le go baya fela mo pusong. Kgathi yo gape e leng tona wa Banana, Metshameko le Ngwao, a re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le dingwe di tshwanetse tsa tswa ka maano a go dira madi ka ditsela tsedi farologanyeng go tsenya letsogo mo go tlhabololeng metse ya bone. Mo dikganyeng tse dingwe mopalamente o gwetlhile batsadi go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo mme ba tshwaragane le barutabana ka jaana thuto e le yone motswedi wa botshelo mo matshelong a gompieno a diphetogo. Oile a ba kopa gore ba rotloetse bana go itebaganya le dithuto tsa bone go na le go inaakanya le nnotagi, boganana, bogodu tsa marato le ditiro tsa borukhutlhi, ka gore dika ba senyetsa bokamoso jwa bone. O kopile gore ba ba feditseng sekole, mme ka go tlhoka lesego ba sena ditiro, ba inaakanye le mananeo a banana a dithuso go itshetsa le go itirela bokamoso.

Banni ba akgolwa[fetola | Fetola Motswedi]

Gone mo diphuthegong tse, Rre Kgathi o ne a akgola dikolo tse di dirileng sentle mo maduong a ngogola, a re ba itsolopanye go dira ka bonatla go feta fa ba dirileng teng. A re mme tse di saletseng kwa morago o kopa barutabana ba ba neelang tshwene marapo go dira ka natla ka gore metlha gase ya maloba ka jaana go berekwa ka dielo. A re bone e le barutabana ba neetswe thuto e e ba sologetseng molemo mo matshelong a bone. Ka jalo le bone ke tshwanelo gore ba neele bana thuto e e tla ba solegelang bokamoso jwa bone molemo. Oile a kopa banni ba metse e, gore fa ba na le mathata a a tlhokanang le thuso ya gagwe ba gololesee go etela ofisi ya gagwe, ba seka ba emela diphuthego tsa kgotla. A ba gakolola gape gore gona le ofisi ya Molaodi, e le yone ba ka kopang dituso teng ga mmogo le ya mogolwane wa Khasele. Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Bobonong, Rre Morgan Makgasane a re ba dumelane gore gonne le koketso ya moalo wa lefatshe kwa ba ka atolosetsang ditsha tsa masimo a batho ba motse wa Motlhabaneng teng. Rre Makgasane a re sebe sa phiri ke gore ba na le bothata jwa gore batho bangwe bane ba ipeile masimo ese ka fa molaong. Seo se ile sa dira gore lefashe le neng le akanyeditwe go nna la ditsha tsa bonno le tlhaele. Modulasetilo a re ba setse ba segile ditsha tsa masimo a motse o, dile masome a mararo mme ba tsweletse ka go sega. o buile gore bothata jo bongwe ke gore lefatshe la bone le na le matlapa a mantsi le melapo mme se se bo dira gore lefatshe le ngotlege. Fela jaaka kwa metseng e mopalamente e tshwareng diphuthego kwa go yone, banni ba metse e ba supile matshwenyego mabapi le bogodu jwa leruo jo ba reng bo dirwa ke batho ba lefatshe la Zimbabwe. Banni ba Motlhabaneng ba ne ba ngongoregela gore batlhoki ga ba thusiwe sentle le gore bana ba sekole ba ba tlhokang ba thusiwe go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone gona le gore ba thusiwe go ema ba le dingwaga dile masome le borobabongwe. Mogolwane wa boipelego, Rre Sandy Molosiwa a re bana ba ba tsenang sekole ba thusiwa go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone fa ba sekasekilwe go bonwe le go lemoga letlhoko la bone.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Molalatau "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-08. Coordinates: 22°4′25″S 28°35′54″E / 22.07361°S 28.59833°E / -22.07361; 28.59833