Motse wa Senete

Go tswa ko Wikipedia

Information iconPego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.

Motse wa Senete is located in Botswana
Motse wa Senete
Location of Senete

Motse wa Senete ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O atlametse molelwane wa lefatshe la Zimbabwe, mme ebile o nale sekolo se se potlana le se se kgolwane gape le kokelwana. Senete o nale boswa jwa ngwao e e humileng tsotlhe kwa batho ba letso la Bakalanga ba tlholegang teng. Banni ba motse wa Masokandolo ba fitlha batho kwa magageng a a kwa ditlhabeng. Motse wa Senete o selekanyo sa dikhilomethara tse di masome a mabedi le boraro go tsweng kwa motseng wa Tutume gape le selekanyo sa lekgolo le masome a mabedi go tsweng kwa toropong ya Francistown. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le dikete tse pedi, makgolo a mabedi le masome a mane le bongwe.

Bontsi jwa banni ba motse wa Senete ba rutegile ka selekanyo sa masome a marataro mo lekgolong jwa palo ya batho ba bereka ditiro tse di faphegileng. Batho ba ba rutegileng jaaka Mmankge wa dithuto ebong Green gape le Ngaka Mbise ba tswa teng mo motseng o. Ditlhopha tsa kgwele ya dinao di akaretsa: Eleven Arrows gape le se se atlegileng sa Senete United 'Mashambo'. Gape o nale badiragatsi mo metshamekong jaaka Leonard gwamulumba yo o sa tswang go simolola go diragatsa mo motshamekong mongwe yo o bitswang Makwetsepe Vol 1 le 2 e e simolodisitsweng kwa Palapye.

Coordinates: 20°19′37″S 27°7′34″E / 20.32694°S 27.12611°E / -20.32694; 27.12611

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]