Motse wa Tuli, Zimbabwe

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Other uses Tempolete:Unreferenced stub

Fa o leba go kgabaganya noka ya Shashe gaufi le motse Tuli, Zimbabwe.

Tuli ke motsana yo o mo kgaolong ya Matabeleland mo borwa, jwa Zimbabwe. O bonwa dikhilomethara tse di masome a boferabobedi mo bophirima jwa Beitbridge mo botlhaba jwa lotshitshi la noka ya Shashe . Motsana o o goletse go dikologa Fort Tuli mo e kileng ya bo e le bothibelelo jwa ntlha jwa ba Pioneer Column ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 1890 kwa lefelong le itseng ka Selous Camp gape le ne le dirisiwa ke Frederick Selous le a neng a nna mo go lone fa a tsoma. Motsana o o nale diofisi tsa sepodisi le mantlo a banni.

Motse o o ka tsenwa fa motho a tla a tswa ntlheng ya toropo ya Gwanda o fetla ka Guyu gape le Hwali, kgotsa o tswa Beitbridge o fetla ka Nottingham gape le Shashi Irrigation Scheme, le fa gompieno tsela e se mo seemong se se sa iketlang.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Tuli e ne e le ntlha nngwe ya ba pioneer column kwa tshimologong, mme gape ga tsena merafe e menngwe ka bofefo mo Matabeleland mme gape go tsenelela mo bokone ga nna Salisbury (yo e leng Harare), toropokgolo ya Rhodesia jaaka a ne a bidiwa bogologolo. Tulie ne e le lefelo la ntlha mo bokone jwa dinoka tsa Limpopo/Shashe kwa dikago tsa ba 'Europa' tse di kgatlhisang di ileng tsa tlhomiwa - diofisi tsa sepodisi sa BSA di ne di agilwe ka logong e le dikago tse di kgatlhisang, tse di neng di agiwa go tsweng lefatsheng la UK mme gape tsa agelwa le babereki ba sepodisi sa BSA ba ba neng ba tlhokometse go kgabagangwa ga noka fela go bapa le borwa jwa dikago. Ka ngwaga wa 1970 dikago tse di ne tsa fudusiwa go tsweng kwa lefelong leo mme gape tsa agiwa gape kwa lefelong le le gologolo, gape le le bidiwang, Fort Tuli. Mantlo a a ne a dirisiwa go baya ditshwantsho tse di tlakilweng tse di neng di kgatlhisa tse di neng di tshwantshiwa ke banni ba old Fort.

Bodikologo jwa Tuli[fetola | Fetola Motswedi]

Tuligape o aga bodikologo jwa selekanyo sa 10 mile , bontlha bongwe jwa borwa jo bo atlologelang kwa borwa jwa noka ya Shashe. Bodikologo jo! bo ne jwa simololwa ke ba pioneer ka ditumalano magareng ga dikgosi tsa motse jaaka lefelo le le sa kgabagangweng la tiriso ya go fudisa leruo la dikgomo . Se se ne sa thusa go sireletsa lefelo la phulo go itsa go anama ga malwetse a tshwana rinderpest go tsweng mo dikgomong tsa mo gae go ya kwa dikgomong tse di neng di ruilwe kwa borwa. Le ke lefelo le le sireleditsweng, le mo bogompieng e leng lefelo la boikhutso le la diphologolo la Thuli.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Zimbabwe South Africa

Coordinates: 21°55′S 029°12′E / 21.917°S 29.200°E / -21.917; 29.200

Tempolete:Zimbabwe-geo-stub