Nelson Mandela

Go tswa ko Wikipedia
Motlhomphegi
Nelson Mandela
OMP RE OM AC CC OJ GCStJ QC GCIH BR
Nelson Mandela on the eve of his 90th birthday in Johannesburg in May 2008
Mandela kwa Johannesburg, ka 13 Motsheganong 2008
Presidente ya Aforika Borwa ya Ntlha
In office
10 Motsheganong 1994 – 14 Seetebosigo 1999
DeputyThabo Mbeki
F. W. de Klerk
Pele Ga GagweF. W. de Klerk
as State President
Morago Ga GagweThabo Mbeki
Ka Ga Ena
O tsetsweRolihlahla Mandela
18 Phukwi 1918
Mvezo, Cape Province, Union of South Africa
O Tlhokafetse5 Sedimonthole 2013(2013-12-05) (aged 95)
Johannesburg, Gauteng, Aforika Borwa
PolokeloMandela Graveyard
Qunu, Kapa Botlhaba
31°48′21.8″S 28°36′52.7″E / 31.806056°S 28.614639°E / -31.806056; 28.614639
Mosetshaba waMoAforika Borwa
MokgatlhoAfrican National Congress
Dikamano tse dingwe
tsa sepolotiki
South African Communist Party
Mo/Bakapelo
Bana
Alma mater
Tiro
TumeloMethodist
Itsege kaAnti-Apartheid Movement
Awards
Ditiro tse di itsegengLong Walk to Freedom
TshaenoSignature of Nelson Mandela
Maranyanewww.nelsonmandela.org
Maina a tlwaeloMadiba
Tata
Dalibunga

Nelson Rolihlahla Mandela e ne e le molwantsha-tlhaolele, mopolotiki, o o neng e le tautona wa Aforika Borwa go tloga kwa ngwaga wa 1994 go ya go wa 1999. E ne le tautona wa ntlha wa motho montsho wa Aforika Borwa. Puso ya gagwe e ne e ikemiseditse go tlosa se se dirilweng ke puso ya Apartheid, le go thusa MaAforika Borwa go phela mmogo ka kgotso, le go fedisa tlhophollo ya batho go ya ka mmala wa bona. O ne a le mopresidente wa mokgatlho wa sepolotiki wa African National Congress (ANC) go tloga 1991 go ya go 1997.

Mandela e ne e le Mothosa wa lolapa la bogosi la ga Thembu. O ne a tsena kwa unibesithing ya Fort Here le unibesithi ya Witwatersand, kwa a neng a ithuta tsa molao. Ga ntse a nna kwa Johannesburg, o ne a nna karolo ya batho ba ne ba ba le kgatlhanong le dipolotiki tsa bokoloniale. O ne a nna karolo ya ANC mme ya nna o mongwe wa batho baba simolotseng Karolo Ya Batsha ya ANC (Youth League). Morago ga gore puso ya Maburu ya National Party e simolole Apartheid, Mandela o ne a nna mokwapele wa motsamao wa kganetse kgatlhanong le Apartheid, mme ya nna moeteledipele wa mokgatlho wa ANC Transvaal. Ga ntse a dira jaaka loyara, o ne a tshwarwa gangwe le gape. Mandela le SACP, ba ne ba simolola setlhopha sa bosole sa Umkhonto We Sizwe (Lerumo la Setshaba). Ka ngwaga wa 1962, o ne a tshwarelwa go leka go menola mmuso mme a iswa kgolegelong bophelo botlhe ka teraele ya Rivonia.

Nelson o ne a nna dingwaga dile 27 kwa kgolegelong, Robben Island kwa tshimologong, mme aiswa Pollsmoor Prison le Victor Vester Prison morago. Gareng ga kgatello ya boditshabatshaba, le go tshaba ntwa ka mo nageng, Mopresidente F.W. de Klerk o ne a ntsha Mandela kwa kgolegelong ka ngwaga wa 1990. Mandela le de Klerk ba ne ba dumelana go fedisa Apartheid, le go dira ditlhopho tsa ntlha mo nageng tsa batho botlhe ba Aforika Borwa, Bantsho le Basweu. ANC le Mandela ba ne ba fenya ditlhopho tsego mme a nna Mopresidente. Puso ya Mandela e ne ya dira molaotheo o mo ntsha wa Aforika Borwa, mme gape ba dira Truth and Reconcilliation Commition go batlisisa ditlolo molao le dikgatako tsa ditokelo tsa botho tse di fetileng.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]