Noka ya Molopo

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Molopo e bonwa mo borwa jwa Aforika. Noka e e elelela kwa borwa-bophirima go tsweng kwa motsweng wa yone, e boleele jwa selekanyo sa dikhilometara di le makgolo a borobabongwe le masome a borataro. Go elela ga noka go bonako Fa e tletse, e tshololela mo nokeng ya Orange , e e rakantshang fa e fologela tlase kwa maphothophothong a lefelo la diphologolo a Augrabies 28°31′02″S 20°12′46″E / 28.51722°S 20.21278°E / -28.51722; 20.21278. Go akanyediwa gore se se ka tswa se simolotse mo dingwageng tse di fetlang makgolo bogologolo.

Noka e fa kabo nngwe e e botlhokwa ya molelwane fa gare ga Botswana gape le Aforika Borwa. Toropo ya Mafikeng, Aferika Borwa, e ikaegile ka lotshitshi la noka, mo go dumelwang fa e le yone e fang batho metsi .

Letsogo[fetola | Fetola Motswedi]

Molopo Nossob letsogo la yone le boleele jwa dikhilomethara tse di masome a matlhano mo borwa jwa Twee Rivieren, mo selekanyong sa makgolo a borobabobedi le masome a borobabongwe fa godimonyana.

Bodiphatsa jwa Noka ya Molopo[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba metse e e gaufi le noka ya Molopo mo Kgalagadi ba kopiwa go ela tlhoko bana ba bone ka noka eo e elela e bile e setse e kgabaganya motse wa Bray.Mogolwane wa mapodisi a Tsabong, Rre Chabaesele Mazebedi o boletse mo potsolosong fa noka ya Molopo e elela go tswa kwa botlhaba e ya bophirima, mo e setseng e tshelegela mo Kgalagadi. O rile metsi ga a itsege, ga se naga, ka jalo o gakolola batsadi ba metse e e gaufi le noka eo go tlhokomela bana, ba ba kgaphele kgakala ka jaana go tsamaya ga metsi ao go le borai mo go ka bakang dikotsi.

Rre Mazebedi o gakolotse le bone badirisi ba dikgoro tsa molelwane mo kgaolong e go tsibogela seemo seo pele ga ba ka kgabaganya, a bolela fa kwa dipolasing tsa Banyana tereta e e ka kwa Afrika Borwa e e tsamayang e bapile le e e kgaoganyang molelwane e sa bonale sentle e le metsi, selo se se sa tlwaelesegang mo Kgalagadi. Mogolwane go tswa mo lephateng la dipasa le mesepele kwa Makopong, Rre Joseph Rantung o kopile badirisi ba kgoro ya molelwane kwa Bray go dirisa ya Makopong, ka a re eo e tswetswe ka one mabaka a noka ya Molopo e e elelang. Rre Rantung a re e le badiri kwa diofising tsa molelwane ba tlaa baya seemo sa metsi ao leitlho thata, mo ba tlaa nnang ba ntse ba afa badirisi ba kgoro ya molelwane dikgakololo.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]