Noka ya Mosetse

Go tswa ko Wikipedia

Noka ya Mosetse ke tlholego ya motlhala wa metsi mo Botswana. Mo lefatsheng la Botswana noka ya Mosetse ke yone motswedi go eleng kwa makgobokgobong a Makgadikgadi Pans, kwa bontsi jwa ditshidi tse di sa bonaleng motlhofo[1]. Ka go rialo Noka ya Mosetse e tshelegela kwa Sua Pan, mesele mongwe e e mo botlhaba jwa Botswana.

Go tlhokomela metsi go botlhokwa[fetola | Fetola Motswedi]

Puso ya Botswana e beile go sireletsa metsi kwa godimo mo ditogamaanong tsa yone jaaka dipusiano tsa go a bona kwa mafatsheng a mangwe di tsweletse.E rile fa a bua kwa phuthegong ya go somarela metsi ya botlhano mo Gaborone bosheng, tona ya lephata la meepo, kgothetso le metsi, Rre Ponatshego Kedikilwe o ne a fa sekai sa lefatshe la Lesotho, le puso ya lefatshe leno e tsweletseng ka go buisana le lone ka go bona metsi kwa go lone.Rre Kedikilwe o ne a tlatsa le ka gore puso e gateletse le mo go phepafatseng metsi, bogolo jang mo dikgaolong tsa bophirima jwa lefatshe leno, a a nang le letswai le lentsi.Maiteko a mangwe ke a go batla boranyane jwa go fedisa kgotlelego ya metsi, tse a boletseng gore di lopa madi a mantsi.Rre Kedikilwe o ne a tlhalosa gore diphetogo tsa tsamaiso ya metsi le tsone di ba lopile madi a mantsi, ke ka moo di tsereng lebaka le leleele.Tona o ne a tlhalosa le gore metsi a dirisiwa ka bontsi mme a gaisanelwa thata ke temothuo, madirelo le malwapa.Le fa lefatshe leno le ne la bona dipula tse dinamagadi e bile matamo a Letsibogo, Shashe le Nnywane a ne a tletse, ga go na bosupi jwa gore dipula tse di kalo di tlaa na mo ngwageng o o tlang.Le fa go ntse jalo, Rre Kedikilwe o ne a netefaletsa setshaba gore le fa dikgwetlho di le dintsi jalo, di ka fenngwa, ka maduo a dipuisano tsa puso le ba-na-le-seabe.A re mengwe ya megopolo e e ntshiwang mo diphuthegong tsa kgotla jaaka wa go emisiwa ga lekgetho la metsi, e setse e diragadistwe

Banni ba kopa koporase ya metsi[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba Mosetse le Dukwi ba kopa koporasi ya metsi ya Water Utilities go tlhoma diofisi tse go duelelwang tiriso ya metsi kwa go tsone kwa metseng ya magae.Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Major General Moeng Pheto yo o neng a wetsa loeto lwa go lekodisa batho ka dikgang tsa palamente e fetileng.Batho ba metse eo le e mengwe mo kgaolong, ba kgadile thata koporasi ya Water Utilities go bo e sa neele batho bogolo jang kwa metseng ya magae ditirelo tse di tshwanetseng jaaka kwa ba ka duelelang metsi teng.Bangwe ba tlhalositse fa ba sale ba duelela tiriso ya metsi mo malwapeng a bone ngogola ka Seetebosigo, ba bo ba supa fa ba na le poifo ya gore ba tsile go kgaolelwa metsi ka jaana fa e sale koporasi eo e tsaya tiro eo mo dikhanseleng ga e ise e bale dimmithara mo malwapeng a bone.Mo go tse dingwe, batho ba Lentsweletau ba re motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong, ba re ba ipotsa gore a kwelotlase ya itsholelo e amile motse wa bone go feta e mengwe ka jaana ditiro tsotlhe tse di neng di tshwanetse go dirwa di seegetswe fa thoko jaaka fa ba ne ba solofeditswe gore motse wa bone o tlaa nna kgaolo potlana go lebilwe gore o kgakala le ditlamelo mme nako kgolo ke eno.Kgosi Muenda Mureti wa Dikgatlhong a re nako le nako batho ba rutwa ka tshomarelo tikologo le bophepa.A ga ba itumedisiwe ke malele a a tshwanang le metseto ya bana le tse dingwe tse di maswe tse di latlhelwang mo motseng wa bone ka e le diphatsa mo leruong.O kopile gore ba tsenyediwe motlakase le gore go agwe kokelwana ka jaana motse wa bone o godile.Ka molao kakanyetso o o tlaa bewang pele palamente e e tlang wa go oketsa dingwaga tsa banana, batho ba dikgaolo tseo ba dumalana gore dingwaga tsa banana di okediwe go tswa kwa go 29 go ya kwa go 35.

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Metsana ya Mosetse
  • Nwetwe Pan
  • Sua Pan


Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Hulsmans, 2006j


  • Ann Hulsmans, Sofie Bracke, Kelle Moreau, Bruce J. Riddoch, Luc De Meester and Luc Brendonck, Dormant egg bank characteristics and hatching pattern of the Phallocryptus spinosa (Anostraca) population in the Makgadikgadi Pans (Botswana) , Hydrobiologia, Springer Netherlands, Volume 571, Number 1 / November, 2006 ISSN 0018-8158 (Print) 1573-5117, pages 123-132 [1]