Ntlo ya Dikgosi tsa Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Ntlo ya dikgosi e okametseng bogakolodi ya palamente ya Botswana.

Maloko[fetola | Fetola Motswedi]

Ntlo ya dikgosi e na le maloko a le masome mararo. Mo go bone,ba le boferabobedi ba tswa mo merafeng e megolo ya baKgatla, baKwêna, baMalete, bamaNgwato, baNgwaketse, baRôlông, baTawana, and baTlôkwa. Fa ba le masome mabedi le bobedi ba tlhopiwe mme ba bereke sebaka sa ngwaga tse tlhano. Mo go bone ba,ba le bane ba tlhopiwa go tswa mo dikgosaneng tsa dikgaolo tsa bokone-botlhaba,Chobe, Ghanzi,le Kgalagadi Mme ba ba tlhano ba ba setseng ba tlhopiwa ke tautona. Ba tshwanetse ba bo ba le dingwaga tse masome mabedi le bongwe go ya kwa godimo,ba itse go bua sekgoa mme ebile ba ise ba tsenelele polotiki mo dingwageng tse tlhano tse di fitileng. Dikgosi ga di letlelelelwe go ka tsenelela polotiki.

Maemo[fetola | Fetola Motswedi]

Ntlo ya dikgosi e okametse bogakolodi jwa palamente mme e bile ga o nna dithata tsa go dira melao kgotsa go kganela melao mengwe. Melao yotlhe e e amang lekgotla la magae le lehuma,melao ya makgotla a magae le tsamaiso ya dikgotla tsa setswana e feta ka ntlo ya dikgosi pele e ka isiwa kwa morafeng. Maloko a tshwanetse go rerisiwa fa melao e fetolwa kgotsa e ntšhafadiwa. Ntlo ya dikgosi e na le dithata tsa go ka sekisa maloko a goromente.

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • National Assembly of Botswana - e di dirang palamente ya Botswana le go tsenngwa tautona
  • Ditso tsa lefatshe la Botswana
  • Makgotla a tshekiso
  • Badulasetilo ba Ntlo ya dikgosi

Tse di latelang ke tse di dirisitsweng go batla kitso e e kwadilweng fa[fetola | Fetola Motswedi]