Nyalo-lefufa mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Seamo sa sanpieno sa Nyalo-lefufa se thata go letelelwa mo Botswana , jaaka molao, jaaka lenyalo fela la mosadi le monna le letelelwa, le ntswa go nale dikgogakgogano. Monna o ka nyala mosadi wa gagwe (kgotsa Mme wa mo motsaneng ) ka fa tlase ga molao,le fa mme go nyala mosadi wa bobedi ka fa tlase ga molao wa lefatshe. le fa go ntse jalo tiro e e akanyediwa go bo e sa tlhole e le teng mo mo kgaolong, go sa tswa go tlhalosiwa gore bagokagadi ba lenyalo-lefufa ba santse ba le teng mo Botswana, le fa ba sa itsege. Go sa tswa go tlhalosiwa fa go nale mathata a a tlhgogileng a le mantsi a a bakwang ke bogokagadi jwa nyalo-lefufa, jaaka ditlhalo dintlwa, go robalana e se ka fa tumalanong, le go anamo thata ga mogare wa HIV/AIDS, se eleng mathata a go simololwang ka one mo lefatsheng.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Nyalo-lefufa e a tshela mo Botswana

Taolo ya Kanamo ya Mogare ntateng ya Nyalo-lefufa mo Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

Maloko a lekgotla la baruti kwa Thamaga le Molepolole a ne a kopanye go itebaganya le seemo se se tshwenyang thata sa kanamo ya mogare wa HIV.E rile a bua kwa moletlong wa go gakologelwa le go hutsafalela batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS, Moruti David Thokwane wa kereke ya Calvary Baptist kwa Molepolole a supa gore baruti ba tshwenngwa thata ke ka fa mogare o anamang ka teng.A re ba ne ba bone gore gongwe lefa ba ka tswa ba rera efangele kwa dikerekeng tsa bone ga go a lekgana mme ba tswele kwa setshabeng ba se rute ka boikgapo le boitshwaro.Moruti Thokwane a re setlhogo sa go isa kereke kwa bathong le go itebaganya le bakapelo ba bantsi, se rwele go le gontsi ka se supa gore mogolagang wa bakapelo ke one o anamisang mogare, mme a re fa batho ba kgaola chaene ya baratani, go ka thusa go tlhabantsha kanamo ya mogare.O ne a re boitshwaro jo bo siameng bo ka fokotsa kanamo ya mogare le go inaakanya le modimo.A re temana nngwe ya re lefoko la modimo ke lebone la dinao tsa me seo se raya gore lefoko le ka bonesetsa motho go mo inola mo sebing ka go tlhaloganya molemo le bosula.Moruti Thokwane a re se se tlhabisang ditlhong ke gore lefa mogare o anama jaana, baruti le bone ba na le seabe ka go supega ba amega mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang le go itseela dikobo ka dikgoka mo bananeng.A re baruti ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng, ka go solofetswe dithuso tse di ka isang setshaba golo gongwe mo go bone.O ne a re sengwe ke nyalo ya lefufa e e senyang ngwao ebile e seyo le mo baebeleng ka e le maikutlo a batho bangwe ba ba iphitlhang ka baebele ba re ya re ba ka nyala basadi ba feta bongwe.Moruti Thokwane o ne a rotloetsa gore mongwe le mongwe a nne lefufa ka mogare wa gagwe, gore a seka a o anamisa le go o abelana le ba bangwe ka tlhakanelo dikobo.Moruti wa Flying Mission Church of Botswana Emanuel Ngwako o ne a re kereke e na le mananeo a go thusa bana, batsadi le botlhe go fokotsa tirisanyo le bakapelo ba bantsi.A re kereke e na le bokgoni go neela motho lefoko, le go retolola setshaba go fedisa malwetse a a sa foleng.A re seo se ka dirwa ka tumelo le tsholofelo ya batho ka bongwe ka bongwe fela fa ba batla go fetoga go tsalwa sesha mo tumelong.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]