Polokelo ya madi ya Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Infobox Central bank Polokelo ya madi ya Botswana (BoB ) ke yone banka ya konokono mo Botswana.

Fa lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966 go tswa mo go la ga Mmamosadinyana, le ne le le bontlha bongwe jwa Rand Monetary Area. Ka ngwaga wa 1974 Botswana o ne a ikgogela morago mo RMA, mme Banka ya Botswana le melawana ya madirelo a madi tsa simolodisa molao motheo wa go simolodisa banka ya konokono mo Botswana ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 1975, Christopher L.H Hermans e le ene molaodi wa yone. [1] E ne ya re ka ngwaga wa 1976, ga simolodisiwa ledi la Pula ele lone la Sechaba le le letleletsweng, mme ka ngwaga wa 1977 Bank of Botswana ya nna banka ya Puso.[2]

1976, gape le ka  ngwaga wa 1977  polokelo madi ya lefatshe la  Botswana ya nna polokelo madi ya puso.[3]

Babusi ba polokelo madi ya Botswana[fetola | Fetola Motswedi]

  • 1975-1978: H. C. L. Hermans
  • 1978-1980: B. C. Leavit
  • 1980-1982: F. G. Mogae
  • 1982-1987: C. N. Kikonyogo
  • 1987-1999: H. C. L. Hermans
  • 1999-present: L. K. Mohohlo

KITSISO[fetola | Fetola Motswedi]

TIRISO YA MADI A MAGOLOGOLO A TSHIPI A P2[fetola | Fetola Motswedi]

Setshaba se itsisiwe fa Banka ya Botswana e tsweletse ka go amogela dipego tse di bolelang fa bangwe mo setshabeng le dikgwebo ka kakaretso ba sa amogele madi a magologolo a tshipi a P2. Lebaka le legolo la go gana go amogela madi a magologolo a P2 ke gore gatwe bangwe ba bolela fa a ntshitswe mo tirisong mme ebile a sa tlhole a reka. Banka ya Botswana e itsise setshaba fa dipego tsa go nna jaana di sena nnete. Madi a tshipi a P2 a masha le a magologolo a mo tirisong otlhe, ka jalo, a tshwanetse go amogelwa ke setshaba le dikgwebo tsotlhe go reka kgotsa go duela, go sena poifo epe.

maikemisetso a polokelo madi yaBotswana[fetola | Fetola Motswedi]

Polokelo madi ya lefatshe la Botswana e ikemiseditse go thusa lefatshe ka go sireletsa madi a lone.Le fa dithuso tsa mofutla o ba dikompone tse ditona jaaka tsa bo Debswana le Fair Grounds Holdings.Ba polokelo e ga ba rekisetse setsaba diabe tsa bone ka gore bontsi jwa diabe ke tsa lefatshe la Botswana.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Bank of Botswana

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Polokelo madi ya bogare gape le madi a Aferika
  • Itsholelo ya Botswana
  • Palo ya dipolokelo tsa bogare

Dipadi tse dingwe.[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "History of the Bank of Botswana | Bank of Botswana". www.bankofbotswana.bw. Retrieved 2020-05-30
  2. Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla, Part Themba (2008) "Bank of Botswana (BoB)". "Historical Dictionary of Botswana". African Historical Dictionaries. vol 108 (4th ed).Metuchen, New Jersey:Scarecrow Press. p.40. ISBN 978-0-8108-5467-3
  3. Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla, Part Themba (2008). "Bank of Botswana (BoB)". Historical Dictionary of Botswana. African Historical Dictionaries. Vol. 108 (4th ed.). Metuchen, New Jersey: Scarecrow Press. p. 40. ISBN 978-0-8108-5467-3.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Central banks

Tempolete:Africa-bank-stub