Poso ya Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Poso ya Botswana ke kompone ee itebagantseng le go romela dikwalo mo Botswana. Ke kompone ee laolwang ke lefatshe,tota ya puso ya Botswana, ee direlang ka fa tlase ga lephata la tsa dipuisano le maranyane.[1]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Poso ya Botswana e simolotse morago ka ngwaga wa 1875,fa lekgotlana la London Missionary Society le ne le simolola go dira. Morago, bobedi jwa “batabogi” ba ne ba rwala makwalo gare ga mafelo a mabedi go tsweng Bulawayo yo a bitswang gompieno Zimbabwe, go ya Mafikeng, yo a bitswang gompieno Aforika Borwa. Morago, fa seporo se sena go agiwa, terena ya emisetsa batabogi. Ka ngwaga wa bo 1990 lephata la Dikwalo le ne la ithekela dikoloi tsa bone tse di bofefo go rwala dikwalo le ngata ya dithoto. Lephata la Poso le le simolodisitsweng ke barongwa ka lobaka lwa dingwaga tse di lekgolo le simologile mo Bechuanaland Protectorate Postal Services. Fa Botswana a tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, le ne la itshwaya ka lena la Lephata la Poso le megala. Mo nakong eo dithuso tse di neng di fiwa e ne e le tsa go baya madi mo bankeng.

Ka ngwaga wa 1980, Botswana Telecommunications Corporation e ne ya ikemela ka nosi. Ngwaga tse pedi moragonyana, banka ya Botswana Savings e ne ya ikemela ka nosi le yone. Labofelo Poso ya Botswana e ne ya ikemela ka nosi ka ngwaga wa 1989. Botswana Savings Bank e nale tumalano le Poso ya Botswana, go fa teseletso ya go banka madi mo makalaneng a le lekgolo le masome a mabedi a poso (120) Botswana otlhe.[2]

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Poso ya Botswana e ntse e dira sentle mo nakong ya gompieno.Bontsi jwa batho ba dirisa kompone e go romela makwalo a bone mo mafelong aa farologanyeng.

o ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Tiba ya makwalo le Ditso tsa Poso ya Botswana
  • Banka ya Botswana Savings

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Corporate Profile At Ostamyy.com". Archived from the original on 2018-10-03. Retrieved 2011-12-02.
  2. History of Botswana Post

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Postal administrations of Africa