Seretse Khama

Go tswa ko Wikipedia

Sir Seretse Khama (July 1, 1921  – July 13, 1980) ke ene tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana. O gakologelwa lefatshe ka bophara ka go tlisa kgotso le thokgamo mo Botswana.

Botshelo go tswa bonnyeng le Thutego[fetola | Fetola Motswedi]

Rre Seretse o tshotswe ko Serowe, mo Bechuanaland Protectorate e le ngwana-wa-ngwana wa ga Kgosi Khama III (wa boraro) wa morafe wa Bangwato. O biditswe Seretse go lebeletswe gore seretse fa se tlhakane le metsi, se a kopana ka jalo go ka twe ke mokopanya setshaba. Rre Seretse o ile a nna kgosi ya Bangwato ka ngwaga wa 1925, a le dingwaga tse nne fela, morago ga loso lwa ga rraagwe, mme Rre Tshekedi Khama o ne a mo tshwarelela bogosi gore a gole pele.

O ne a tsena dikolo tse dikgolwane kwa Aforika Borwa, mme morago a ya go tsena kwa Fort Hare University College, gone kwa Aforika Borwa. O ne a dira ngwaga o le mongwe kwa Balliol College, Oxford, kwa ga Mmamosadinyana, mme morago a ithutela tsa molao kwa Inner Temple kwa Lontone.

Nyalo le go lelekwa[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Seetebosigo sa ngwaga wa 1947, Rre Seretse Khama o ne a kopana le Mme Ruth Williams, mme wa lekgoa mo Lontone[1]. Morago ga ngwaga ba ne ba nyalana. Lenyalo le la motho yo montsho le yo mosweu, le ne la seka la amogelwa ke Puso ya Tlhaolele(Aparateiti) kwa Aferika Borwa ga mmogo le bagolwane ba Ga MmaNgwato. E ne yare Tshekedi a utlwa, a batla gore Rre Seretse a busediwe kwa gae mme ebile nyalo eo e fedisiwe. Go boeng ga gagwe, Rre Seretse o ne a buisa diphuthego, mme morago a tlogelwa go nna Kgosi. Setšhaba le sone sa simolola go amogela Mme Ruth Williams Khama, mohumagadi wa gagwe. Rre Tshekedi ene o ne a tlogela Bechuanaland Protectorate, ka a ne a sa dumalane, mme Rre Seretse a boela Lontone go feleletsa dithuto tsa gagwe.

Mafatshe a sele one a ne a sa itumelela lenyalo le, bogolo jang la Aferika Borwa le le neng le tlhaola batho ka letso la mmala. Mme ka Bechuanaland Protectorate e ne ele ka fa tlase ga puso ya ga MmaMosadinyana, goromente wa Aferika Borwa a laolela wa ga MmaMosadinyana gore Rre Seretse a ntshiwe mo bogosing. Ka MmaMosadinyana a ne a latlhegetswe ke madi mo ntweng ya mafatshe-fatshe ya bobedi, o ne sa batle go latlhegelwa ke gauta go tsweng Aferika Borwa. Ka jalo Seretse o ne a kojwa mo Bechuanaland Protectorate[2].

Matsatsi a gagwe a bofelo (Seretse)[fetola | Fetola Motswedi]

Seretse Khama o tlhokafetse ka kgwedi ya Phukwi 1980 a le dingwga dile masome a matlhano le robongwe.Go thlokafaleng gagwe go ne ga dira gore Batswana ipotse dipotso ka bane ba itse fa go sena ope motho o a neng a nale botsipajwa go busa.Khama o boloketswe kwa go bolokelwang balelwapa la ga Khama kwa lentsweng kwa motsing wa Serowe.Ngwana wa gagwe ebong Ian Khama o ne a mo sela morago ka ditro ka go tsena mo pusong fa a a ne a thlophiwa go nna tautona wa lefatshe la Botswana ka ngwaga wa 2008.[3] [4]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]